YouVersion Logo
Search Icon

BAEFESO 5

5
Go phela mo leseding
1Ke gone nnang baetsi ba Modimo, jaaka bana ba ba rategang. 2 Lo sepele mo loratong, fela jaaka Keresete le ene a lo ratile, a intshetsa rona, a nna tshupelo le setlhabelelo Modimo, tse di isediwang go nna lonko lo lo monate. 3Mme boaka, le maswe otlhe, le fa e le boiphetlho, go se ka ga ba ga umakwa mo go lona, jaaka go tshwanetse baitshepi; 4le fa e le matlhapa, le fa e le puo ya dinyana, le fa e le dinyao, tse e leng dilo tse di sa tshwanelang; mme bogolo go ntshiwe malebogo. 5Gonne mo lo a itse ka tlhomamo, fa go se seaka, le fa e le motho yo o maswe, le fa e le moiphetlhi, yo e leng moobamedi wa medimo ya disetwa, yo o ka nnang le boswa bope mo bogosing jwa ga Keresete le Modimo.
6A motho ope a se ka a lo tsietsa ka mafoko a a lolea fela, gonne bogale jwa Modimo bo tla mo baneng ba ba kgopo ka ntlha ya tsone dilo tseo. 7Ke gone, lo se ka lwa amogana nabo. 8Gonne lo kile lwa ne lo le lefifi, mme jaanong lo lesedi mo Moreneng. Sepelang jaaka bana ba lesedi, 9– gonne loungo lwa lesedi lo eme mo molemong otlhe, le mo tshiamong, le mo boammaaruring – 10lo ntse lo lekela go lemoga se se kgatlhang Morena. 11Lo se ka lwa nna le bolekane le ditiro tsa lefifi tse di se nang loungo, mme bogolo lo di kgalemele. 12Gonne dilo tse di dirwang ke bone mo sephiring, di tlhabisa ditlhong le di bolelwa fela. 13Mme dilo tsotlhe e a re fa di kgalemelwa di tle di senolwe ke lesedi; ka sengwe le sengwe se se senogileng e le lesedi. 14Ke gone, a re: “Kubuga, wena yo o robetseng, o tsoge mo baswing, mme Keresete o tlaa go phatsimela.”
15Ke gone, lo lebe thata ka fa lo sepelang ka teng, e seng jaaka ba ba seng botlhale, mme jaaka ba ba botlhale, 16 ka go swela lobaka molemo, ka metlha e, e bosula. 17Ke gone se nneng boeleele, mme lo tlhaloganye go rata ga Morena, gore ke eng. 18Se tagweng ke bojalwa, ka bo na le tlhapeo, lo tladiwe ke Mowa. 19 Lo buisanye ka dipesalema, le difela, le dipina tsa semowa, lo bina, lo opela, lo kotekeletsa Morena ka dipelo tsa lona. 20Lo leboge Modimo, e bong Rara, ka metlha yotlhe, ka ga dilo tsotlhe mo ineng la Morena wa rona Jesu Keresete.
Banna le basadi ba bone
21Lo ineelane mo poifong ya ga Keresete.
22 Basadi ba lo nyetsweng lo ineeleng mo banneng ba e leng ba lona, jaaka e ka bo e le mo go Morena, 23gonne monna ke tlhogo ya mosadi jaaka Keresete le ene e le tlhogo ya phuthego, ka e bile e le ene mmoloki wa mmele ka esi. 24Jaaka phuthego e ineetse mo go Keresete, a basadi le bone ba nne jalo mo banneng ba bone mo dilong tsotlhe.
25 Banna, ratang basadi ba lona, fela jaaka Keresete le ene a ratile phuthego, mme a intshetsa yone, 26gore a e itshepise a sena go e tlhapisa ka tlhapiso ya metsi ka lefoko. 27Gore a tle a ineye phuthego, e le e e galalelang, e e se nang selabe le fa e le khuano, le fa e le sepe se se ka nang jalo; fa e se gore e nne boitshepo le botlhoka bogole. 28Banna le bone ba tshwanetse go rata basadi ba bone fela jalo, jaaka e ka bo e le mebele ya bone. Yo o ratang mosadi wa gagwe o a ithata. 29Gonne ga go ise go ko go nne motho ope yo o kileng a ila nama ya gagwe, mme o a e otla, a e ngomaele, fela jaaka Keresete le ene a direla phuthego, 30ka gobo re ditokololo tsa mmele wa gagwe. 31 Ke gone ka moo, monna o tlaa tlogelang rraagwe le mmaagwe, a ngaparela mosadi wa gagwe; mme bobedi jo e tlaa nna nama e le nngwe fela. 32Bosaitsiweng jo, bo bogolo, mme ke bua ka ga Keresete le ka ga phuthego. 33Le fa go ntse jalo le lona a mongwe le mongwe wa lona a rate mosadi wa gagwe fela jaaka a ithata, le mosadi a ipone, gore a tlotle monna wa gagwe.

Currently Selected:

BAEFESO 5: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy