YouVersion Logo
Search Icon

BAEFESO 3

3
Tirelo ya ga Paulo mo go Baditšhaba
1Ke gone ka moo, nna Paulo, mogolegwa wa ga Keresete Jesu ka ntlha ya lona Baditšhaba, 2ke raya fa lo utlwile ka ga tebalebo ya tshegofatso eo ya Modimo, e ke e neilweng ka ga lona: 3Ka fa ke itsisitsweng bosaitsiweng ka tshenolo ka teng, jaaka ke kwadile gale ka mafoko a le makhutshwane, 4 a e tlaa reng lo a bala, lo bo lo ka lemoga go tlhaloganya ga me ka ga bosaitsiweng jwa ga Keresete. 5E rile mo metlheng e e fetileng, bo ne bo se ka jwa itsisiwe ke bana ba batho, jaaka gompieno bo senoletswe baaposetole ba gagwe ba ba boitshepo le baperofeti, ka Mowa. 6Ke go re, Baditšhaba ke baruaboswa mmogo nabo, le ditokololo tsa mmele mmogo nabo, le batlhakanedi nabo ba polelo ya tsholofetso mo go Keresete Jesu, ka Mafoko a a Molemo, 7a ke dirilweng modiredi wa one, ka fa neong ya tshegofatso eo ya Modimo, e ke e neilweng ka fa go direng ga thata ya one. 8Ka re, nna yo ke leng mmotlana bogolo go yo o leng mmotlana wa baitshepi botlhe, tshegofatso eo ke e neilwe, gore ke rerele Baditšhaba mahumo a a sa ka keng a hukudiwa a ga Keresete. 9Le go dira gore batho botlhe ba bone kabo ya bosaitsiweng jo, jo bo sa leng bo fitlhwa go tswa tsose, mo Modimong o o tlhodileng dilo tsotlhe; 10e le gore, jaanong botlhaletlhale jo bontsi jwa Modimo bo tle bo itsisiwe magosana le bathata mo mannong a selegodimo ka phuthego. 11Ke ka fa boikaelelong jwa metlha e e se nang tshimologo, jo o bo ikaeletseng mo go Keresete Jesu Morena wa rona, 12yo re nang le botlhoka poifo le katamelo ya boikanyo mo go ene, ka go dumela ga rona mo go ene. 13Ke gone ke lopang gore lo se ka lwa lapisiwa pelo ka dipitlagano tsa me ka ga lona, tse e leng kgalaletso ya lona.
Go itse lorato lwa ga Keresete
14Ke gone ka moo ke khubamelang Rara ka mangole, 15ene yo ditshika tsotlhe kwa legodimong le mo lefatsheng di bidiwang ka ene; 16gore a lo neye go thatafadiwa ka nonofo mo mothong yo o kwa teng, ka Mowa wa gagwe, ka fa mahumong a kgalalelo ya gagwe; 17gore Keresete a age mo dipelong tsa lona ka tumelo; e tle e re ka lo namisitswe medi lo nitame mo loratong. 18Lo bo lo nonofele go tlhaloganya le baitshepi botlhe jo e leng boatlhamo, boleele, bogodimo le boteng, 19le go itse lorato lwa ga Keresete lo lo fetang kitso, gore lo tladiwe go ya go fitlha kwa botlalong jotlhe jwa Modimo.
20Jaana one o o nonofileng go dira segolo thata bogolo go tsotlhe tse re di lopang le tse re di gopolang, ka fa nonofong e e dirang mo go rona, 21kwa go one, a go nne kgalaletso mo phuthegong le mo go Keresete Jesu go ya tshikatshikeng, ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Amen.

Currently Selected:

BAEFESO 3: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy