YouVersion Logo
Search Icon

BAKOLOSA 3

3
1 Ke gone, a e re fa lo tsositswe mmogo le Keresete, batlang dilo tse di kwa godimo, kwa Keresete o ntseng teng, a dutse ka fa letsogong le legolo la Modimo. 2Tlhomang mogopolo wa lona mo dilong tse di kwa godimo, e seng mo dilong tse di mo lefatsheng. 3Gonne lo kile lwa swa, mme botshelo jwa lona bo fitlhilwe le Keresete mo Modimong. 4Mogang Keresete, yo e leng botshelo jwa rona, o tlaa bonalang, foo le lona lo tlaa bonala nae mo kgalalelong.
Botshelo jo bogologolo le jo boša
5Ke gone, bolayang ditokololo tsa lona tse di ganelelang mo lefatsheng; ke raya boaka, le bomaswe, le dithato, le keletso e e bosula le pelotshetlha, tse e leng tirelo ya medimo ya disetwa; 6e le dilo tse bogale jwa Modimo bo tlang mo baneng ba ba kgopo ka ntlha ya tsone; 7tse le lona lo kileng lwa tsamaya mo go tsone jale, ka lo tshelela mo go tsone dilo tseo.
8Mme jaanong, le lona lo latlhe dilo tse tsotlhe fela; e bong bogale, kgakalo, le kilo, le kgalo le dipuo tsa botlhabisa ditlhong; lo di tlose mo melomong ya lona. 9 Se akalaneng; ka lo apotse motho wa bogologolo le ditiro tsa gagwe; 10 mme lo apere motho yo moša, yo o ntseng a šafalediwa mo kitsong ka fa setshwanong sa yo o mo tlhodileng; 11mo go sa ka teng ga dira le Bogerika le Bojuta gone, bogwera le bokgola, botho seeng le Bosethia, lekgoba le mogololesegi; mme Keresete ke ene bojotlhe, o bile o mo go botlhe fela.
12 Ke gone, jaaka ba ba itshenketsweng ke Modimo, jaaka ba ba itshepileng le ba ba rategang, lo apare pelotlhomogi, le pelonomi, le boikokobetso, le bonolo le bopelotelele.
13 Lo iphapaanye mongwe le yo mongwe; lo itshwarelane, fa motho mongwe a na le ngongorego ka ga yo mongwe; fela jaaka Morena a lo itshwaretse, le lona lo dire fela jalo. 14Mme mo godimo ga dilo tsotlhe tse lo apare lorato, lo e leng lone sebofo sa boitekanelo. 15A kagiso ya ga Keresete e laole mo pelong tsa lona, e lo bileng lo bileditswe yone mo mmeleng o le mongwe fela; mme lo nne lo leboge. 16 A lefoko la ga Keresete le age mo go lona ka botlalo mo botlhaleng jotlhe; lo ntse lo rutana, lo laana ka dipesalema, ka difela le ka dipina tsa semowa, lo opelela Modimo ka tshegofatso mo pelong tsa lona. 17Le fa e ka bo e le eng se lo se dirang mo puong le mo tirong, dirang gotlhe mo ineng la Morena Jesu, lo ntse lo leboga Modimo Rara ka ene.
Ditiro tsa botshelo jo boša mo bathong
18 Basadi ba lo nyetsweng, ineeleng mo banneng ba lona, jaaka go tshwanetse mo Moreneng.
19 Banna, ratang basadi ba lona, mme lo se ka lwa ba ngangalela.
20 Bana, utlwang batsadi ba lona mo dilong tsotlhe, gonne mo e be e le mo go kgatlhang Morena.
21 Borrabana, se tshwenyeng bana ba lona, gore ba se ka ba sulafala pelo.
22 Batlhanka, utlwang mo dilong tsotlhe ba e leng beng ba lona ka fa nameng; e seng ka go ba bona matlho jaaka bakgatlhi ba batho, fa e se ka bongwefela jwa pelo, ka go boifa Morena. 23Le fa e ka bo e le eng se lo se dirang, lo se dire ka pelo yotlhe, jaaka e ka bo e le go direla Morena, e seng batho; 24lo ntse lo itse fa tuelo ya boswa lo tlaa e amogela mo Moreneng, aitse lo direla Morena Keresete. 25 Gonne yo o dirang tshokamo o tlaa ba a bona ka fa tshokamong e o e dirileng; mme ga go na tlhaolo ya batho.

Currently Selected:

BAKOLOSA 3: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in