YouVersion Logo
Search Icon

AMOSE 4

4
1“Utlwang lefoko le, lona dikgomo tse di namagadi tsa Bašane, tse di mo dithabeng tsa Samaria, tse di patikang bahumagadi, tse di pitlang batlhoki, tse di rayang barena ba tsone di re: ‘Lereng, re nweng.’ 2Morena Modimo o ikanne ka boitshepo jwa gagwe, a re: ‘Bonang, metlha e tlaa tla mo go lona, e ba tlaa lo tlosang mo go yone ka megolasetso, le masalela a lona ka dikobe tsa ditlhapi. 3Lo tlaa tswa ka diphatlha, mongwe le mongwe a tlhamalaletse fela kwa pele ga gagwe; mme lo tlaa itatlhela mo Haremone.’ Go bua Jehofa.
Iseraele o atlholelwa go tlhoka kutlo
4“Tlang mo Bethele lo tlole; le mo Gilegale lo ntsifatse ditlolo; lo lere ditshupelo tsa lona ka meso le meso, le tsa bosome tsa lona ka tsatsi lengwe le lengwe la boraro; 5mme lo ise setlhabelo sa tebogo ya se se bedisitsweng, lo bolele ditshupelo tse e leng tsa peleego fela, lo di utlwatse; gonne moo ke mo go lo tshwanetseng, lona Baiseraele.” Go bua Morena Modimo.
6“Ke lo neile bophepa jwa meno mo metseng ya lona, le go tlhoka dijo mo mannong a otlhe a lona; le fa go ntse jalo ga lo a boela mo go nna.” Go bua Jehofa. 7“Ke bile ke lo tshwaretse pula, go sa ntse go le dikgwedi di le tharo go ya thobong; ka nesetsa motse o mongwe pula, ka khutlisetsa motse o mongwe pula; mo gongwe ga nelwa ke pula, mme kwa go se kang ga nelwa ke pula gone ga swaba. 8Jalo ba metse e le mebedi kgotsa e le meraro ba kailela kwa motseng o le mongwe fela, ba ya go nwa metsi teng, mme ba se ka ba kgora; mme ga lo a boela mo go nna.” Go bua Jehofa.
9“Ke lo iteile ka tshubego ya mabele le phori; bontsi jwa masimo a lona le masimo a mafine, le ditlhare tsa lona tsa mofeige, le ditlhare tsa lona tsa motlhware, tse e di jele; le fa go ntse jalo ga lo a boela mo go nna.” Go bua Jehofa.
10“Ke lo tliseditse kgogodi e e tshwanang le ya Egepeto; makau a lona ke a bolaile ka tšhaka, ke tlositse dipitse tsa lona; go nkga sebodu ga bothibelelo jwa lona ke go tlhatloseditse mo dinkong tsa lona; le fa go ntse jalo ga lo a boela mo go nna.” Go bua Jehofa.
11 “Ke ribegeditse bangwe mo go lona, jaaka jale ka Modimo o ribegetsa Sotoma le Gomora, mme lwa nna jaaka motswaiso o o swatotsweng mo molelong; le fa go ntse jalo ga lo a boela mo go nna.” Go bua Jehofa.
12“Ke gone ka moo ke tlaa go direlang jaana, wena Iseraele, mme ereka ke tlaa go direla selo se, o ipaakanyetse go kgatlhana le Modimo wa gago, wena Iseraele.”
13Gonne, bonang:
Ene yo o bopang dithaba,
a tlhola phefo,
mme a bolelela motho
o e leng mogopolo wa gagwe,
yo o dirang moso gore o nne lefifi,
a gata mafelo a a tlotlometseng
a lefatshe;
Jehofa, Modimo wa masomosomo,
ke leina la gagwe.

Currently Selected:

AMOSE 4: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in