YouVersion Logo
Search Icon

AMOSE 2

2
Dikatlholo tsa Moabe
1 Jehofa a bua jaana, a re: “Ka ditlolo di le tharo tsa Moabe, ee, ka di le nne, ga nketla ke faposa petso ya teng; ka a fisitse marapo a kgosi ya Etome a nna taka e tshweu. 2Ke tlaa tsenya molelo mo Moabe, mme o tlaa laila mantlo a dikgosi a Keriothe; Moabe o tlaa swa ka pheretlho, le ka lošalaba, le ka tumo ya lonaka. 3Ke tlaa kgaola moatlhodi mo gare ga gone, ke tlaa bolaya dikgosana tsotlhe tsa teng nae.” Go bua Jehofa.
Dikatlholo tsa Juta
4Jehofa o bua jaana, a re: “Ka ditlolo di le tharo tsa Juta, ee, ka di le nne, ga nketla ke faposa petso ya teng; ka ba ganne molao wa ga Jehofa, ba se ka ba tshegetsa ditao tsa gagwe, maaka a bone a ba timeditse, a borraabo ba ne ba a sala morago. 5Mme ke tlaa tsenya molelo mo Juta, mme o tlaa laila matlo a dikgosi a Jerusalema.”
Modimo o atlhola Iseraele
6Jehofa, o bua jaana, a re: “Ka ditlolo di le tharo tsa Iseraele, ee, ka di le nne, ga nketla ke faposa petso ya teng, ka ba rekisitse basiami ka selefera, le batlhoki ka ditlhako tse pedi. 7E le ba ba fegelelwang lorole lwa lefatshe lo lo mo tlhogong ya bahumanegi, ba faposa tsela ya bakgobaladi. Motho le rraagwe ba ye morweetsaneng a le mongwe fela, ba tlhapatsa leina la me le le boitshepo. 8Ba itelege fa sebesong sengwe le sengwe ba adile diaparo tse di tshotsweng peelo, mo ntlong ya Modimo wa bone ba nwe bojalwa jwa mofine jwa ba ba lefisitsweng.
9 “Le fa go ntse jalo ka senya Moamora fa pele ga bone, yo bogodimo jwa gagwe bo ne bo ntse jaaka bogodimo jwa masetara, o ne a le thata jaaka maoka; mme ka senya loungo lwa gagwe kwa godimo, le medi ya gagwe kwa tlase. 10Gape ka lo ntsha mo lefatsheng la Egepeto, ka lo goga ka dinyaga di le 40 mo nageng, lo ya go rua lefatshe la Moamora. 11 Ka tsosa bangwe ba bomorwaa lona ba nna baperofeti, le Banasirite bangwe mo makaung a lona. A ga go a nna fela jalo, lona bana ba Iseraele?” Go bua Jehofa. 12“Lwa nosa Banasirite bojalwa jwa mofine; lwa laola baperofeti, lwa re: ‘Se perofeseng.’ 13Bonang, ke tlaa lo gata mo felong ga lona, jaaka kara e e oletseng dingata tsa mabele e tle e gate. 14Go tshaba go tlaa tlhokafalela ba ba lobelo, mothata ga a ketla a itlotloanyetsa nonofo ya gagwe, le seganka ga se ketla se iphedisa; 15le ene yo o itseng go tshwara bora ga a ketla a ema; le yo o dinao tse di bofefo ga a ketla a iphedisa; le ene yo o palameng pitse ga a ketla a iphalodisa; 16le yo o pelokgale mo digankeng o tlaa tshaba a sa ikatega mo motlheng oo.” Go bua Jehofa.

Currently Selected:

AMOSE 2: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in