YouVersion Logo
Search Icon

2 TIMOTHEO 3

3
Boitaolo jwa motho mo metlheng ya bofelo
1Itse selo se, gore mo metlheng ya bofelo go tlaa tla dipaka tse di tlhokofatsang. 2Gonne batho ba tlaa nna baithati, le barati ba madi, le babelafadi, le baipegi, le bakgadi, le ba ba sa utlweng batsadi ba bone, le ba ba sa lebogeng, le ba ba sa itshepang. 3Ba se na lorato lwa tlholego, e le ba ba sa itshwareleng, e le bapateletsi, ba se na boithibo, ba le bogale, e se barati ba molemo gope; 4e le baoki, e le ba ba tlhogoethata, e le ba ba ikgogomosang, e le barati ba dikgatlhego, bogolo go go nna barati ba Modimo; 5e le ba ba tshotseng setshwantsho fela sa poifomodimo, mme thata ya yone ba e latotse; le bone bao o kgaogane nabo. 6Gonne ba ga bone bao ke ba ba kukunelang mo matlong, ba ya go gapa basadi ba dieleele ba ba tletseng dibe, ba gogwa ke dithato dingwe le dingwe, 7e le ba ba ntseng ba ithuta, ba sa nonofa gope go fitlha mo kitsong ya boammaaruri. 8 Jaaka Janese le Jamberese ba kile ba ganetsa Moše, le bone bao ba ganetsa boammaaruri jalo; e le batho ba ba bodileng megopolo, e le ditlhobogwa ka ga tumelo. 9Mme ga ba ketla ba tlhola ba tswelela kwa pele; gonne bosilo jwa bone bo tlaa bonalela batho botlhe, jaaka le jwa bone bale bo dule mme jwa bonala.
Taelo ya ga Paulo ya bofelo mo go Timotheo
10Mme wena o latetse thuto ya me le mokgwa, le boikaelelo, le tumelo le bopelotelele, le lorato, le boitshoko, 11 le dipogiso, le dibotlhoko; e bong dilo tse di nkwetseng mo Antioke le mo Ikonio, le mo Lusetera; e bong dipogiso tse ke di bogileng; Morena o nkgolotse mo go tsone tsotlhe fela. 12Ee, le botlhe ba ba ratang go tshela ka poifomodimo mo go Keresete Jesu ba tlaa bona pogiso. 13Mme batho ba ba bosula le batsietsi ba tlaa nna ba sulafalela pele fela ba tsietsa, ba bile ba tsiediwa. 14Mme wena o nnele ruri mo dilong tse o di ithutileng le tse o di tlhomamiseditsweng, ka o itse ba o di ithutileng mo go bone; 15le jaaka dikwalo tse di boitshepo o sale o di itse mo bonyaneng jwa gago, e le tse di nonofileng go go tlhalefisetsa polokong, ka tumelo e e mo go Keresete Jesu. 16Lokwalo longwe le longwe lo lo kwadilweng ka tlhotlheletso ya Modimo, lo bile lo molemo go ruta, le go kgalemela le go sokolola, le go kaela ka tshiamo, 17gore motho wa Modimo a tle a nne boitekanelo, a iketleeletse ruri tiro nngwe le nngwe e e molemo.

Currently Selected:

2 TIMOTHEO 3: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in