YouVersion Logo
Search Icon

I JOHANE 4

4
Kamogelo ya Mowa wa boammaaruri
1Baratwa, lo se ka lwa dumela mowa mongwe le mongwe fela, mme lo tlhotlhomise mewa, bo ke ya Modimo; ka baperofeti ba le bantsi ba e seng bone ba tswetse mo lefatsheng. 2Mowa wa Modimo lo tlaa o itse ka gone mo; mowa mongwe le mongwe o o ipolelang gore Jesu Keresete o tsile mo nameng, ke one wa Modimo. 3Mme mowa mongwe le mongwe o o sa ipoleleng Jesu, ga se wa Modimo; o ke one mowa wa moganetsa Keresete, o lo o utlwetseng fa o tla; jaanong o setse o le mo lefatsheng.
4Lona lo ba Modimo, banyana ba me, lo ba fentse; ka yo o mo go lona a le mogolo go feta yo o mo lefatsheng. 5Bone ke ba lefatshe; ke gone ba buang jaaka ba lefatshe, mme lefatshe le ba utlwe. 6Rona re ba Modimo; yo o itseng Modimo o a re utlwa; mme yo o seng wa Modimo ga a re utlwe. Re a itse mowa wa boammaaruri, le mowa wa timelo ka gone moo.
Modimo ke lorato
7Baratwa, a re rataneng; gonne lorato ke selo sa Modimo. Mongwe le mongwe yo o ratang o tsetswe ke Modimo, o bile o itse Modimo. 8Yo o sa rateng ga a itse Modimo; gonne Modimo o lorato. 9Lorato lwa Modimo lo bonatsheditswe rona ka gone moo, ka Modimo o romile Morwa one yo o tsetsweng a le esi mo lefatsheng, gore re tshele ka ene. 10Lorato lo mo, e seng gore re ratile Modimo, fa e se gore, o ratile rona, mme wa roma Morwa one go tla a nna seletlanyo se se ntsheditsweng dibe tsa rona.
11Baratwa, fa Modimo o re ratile mo go kalo, le rona re tshwanetse go ratana. 12 Ga go motho ope yo o ileng a bona Modimo ka motlha ope; fa re ratana, Modimo o nnetse ruri mo go rona, le lorato lwa one lo dirilwe boitekanelo mo go rona.
13Re a itse fa re nnetse ruri mo go one, le one mo go rona ka gone moo, ka o re abetse Mowa wa one. 14Re bonye, re bile re a supa fa Rara a romile Morwawe go tla a nna Mmoloki wa lefatshe. 15Le fa e le mang yo o tlaa ipolelang gore Jesu ke Morwa Modimo, Modimo o nnetse ruri mo go ene, le ene mo Modimong. 16Re a itse, re bile re dumetse lorato lo Modimo o re ratang ka lone. Modimo o lorato; yo o nnetseng ruri mo loratong, o nnetse ruri mo Modimong, le Modimo o nnetse ruri mo go ene. 17Lorato lo dirwa boitekanelo kwano go rona ka gone mo, gore re tle re nne le botlhokapoifo mo tsatsing la tsheko; gonne jaaka a ntse, le rona re ntse fela jalo mo lefatsheng leno. 18Ga go na poifo epe mo loratong; mme lorato lo lo itekanetseng lo tle lo latlhele poifo kwa ntle, ka poifo e na le petso; yo o boifang ga a a dirwa boitekanelo mo loratong.
19Rona re a rata, ka gobo o re ratile pele. 20Fa motho a re: “Ke rata Modimo,” mme a ile mogagabo, o maaka; gonne yo o sa rateng mogagabo yo o mmonang ka matlho, ga a ka ke a rata Modimo, o a iseng a o bone. 21Mme taolo e re e tshotse mo go ene, gore yo o ratang Modimo, a a rate le mogagabo.

Currently Selected:

I JOHANE 4: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in