YouVersion Logo
Search Icon

Mareko 9

9
KHAOLO 9.
1MI a ba raea, Amarure kia lo raea, Go le bañue ba bona ba ba emeñ ha, ba ba si kitlañ ba utlua loshu, ba tla ba tsamae ba bona pusho ea Morimo e tla ka thata pele.
2¶ Mi ka malatsi a sekes a sina heta, Yesu a tsaea Petero, le Yakobo le Yohane, mi a ba isa bosi kua gorimo ga thaba e e gorileñ; mi a hetoga ha pele ga bona.
3Mi liaparo tsa gague tsa phatsima tsa shueuhala bogolu yaka celañ, yaka go si moshueuhatsi ope mo lehatsiñ eo o ka li shueuhatsañ.
4Mi ga iponatsa go bona Eliyahue le Moshe, mi ba bo ba bua le Yesu.
5Mi Petero a araba a raea Yesu, Rabi, go molemo go rona go na ha; a re riheñ metlagana me teri, moñue erihe oa gago, moñue erihe oa ga Moshe, mi o moñue erihe oa ga Eliyahue;
6Gone a sa itse se o ka se buañ, gone ba boiha segolu.
7Mi ga tla leru ya ba cutihalela, mi ga coa koru mo leruñ, ea re, Eo, ki Moroake eo o rategañ, mo utlueñ.
8Mi ka ba leba ka bonako, ba si ka ba tlola ba bona ope ha esi Yesu esi nabo.
9Mi ka ba hologa mo thabeñ, a ba laolela gore ba si bulelele ope se ba se bonyeñ, go tlo go tsamae Moroa mothu a coge mo bashuiñ.
10Mi ba itsegeletsa lehuku ye, ba botsanya se cogo mo bashuiñ e se raeañ.
11Mi ba motsa, ba re, Bakuari ba reelañ, Eliyahue o cuanetse go tla pele?
12Mi a araba a ba raea, Rure Eliyahue o tla tla pele go ba a emisa lilo cotle; le kaha go kuariloeñ ka gona ga Moroa mothu, ha a tla boga segolu, le go nyarioa.
13Mi kia lo raea, Eliyahue le ena o tlile, mi ba mo rihetse kaha ba ratañ ka gona, yaka go kuariloe ga gague.
14¶ Mi ka a hitla go barutoa, a bona bontsi yo bogolu bo ba hotse, le bakuari ba ganela le bona.
15Mi ga rihala ka bonako ka bontsi bo mona, yoa gakhamala bogolu, mi yoa mo tabogela, go mo rumerisa.
16Mi a botsa bakuari, Lo ganelelañ nabo?
17Mi moñue oa bontsi a araba, a re, Rabi, ki lerile moroake go uena, eo o nañ le moea o o sa bueñ;
18Mi kua o mo cuarañ gona, oa mo danya ha hatse, a phoke mashulo, mi a huranye meno a gague, mi a lape; mi ki reile barutoa ba gago, gore ba o khoromeletsa ntle, mi ba reteleloa.
19Mi a araba a ba raea. Au! losika loa go bisa go rumela ki lona, ki tla na le lona go lele go kai? ki tla lo iphapanya go lele go kai? Mo lereñ go ’na.
20Mi ba mo lere go ena. Mi ka a mona, moea oa mo kuaralatsa ka bonako, mi a oela ha hatse, a birikama, a phoka mashulo.
21Mi a botsa rague, Lobaka lo kai lo o mo cuereñ ka lona? Mi a re, Mo bonyaneñ yoa gague.
22Mi o mo rigetse ka gantsi mo moleloñ, le mo metseñ, go mo senya; mi ha u ka riha señue, re utluele botluku, mi u re thuse.
23Mi Yesu a mo raea, Ha u ka rumela, gone lilo cotle li ka rihala go ena eo o rumelañ.
24Mi rra ñuana a akoha a bitsa ka likeleri, a re, Kia rumela, Morena; thusa go bisa go rumela ga me.
25Mi ka Yesu a bona bontsi bo taboga, bo ea seopa señue, a buela moea o mashue, a o raea, Moea o o sa bueñ, o o sa utlueñ ki uena, kia gu laola, coa go ena, mi u si tlole u tsena go ena.
26Mi ka o bitsa, oa mo kuaralatsa segolu, oa coa; mi ñuana a na yaka moshui, ga tsamaea bantsi ba re, O shule.
27Mi Yesu a mo cuara ka seatla, a mo emisa, mi a ema.
28Mi ka a sina tsena mo tluñ, barutoa ba gague ba motsa bosi, Ana re le re sa o khoromeletseñ ntle?
29Mi a ba raea, Losika lo, ga lo coe ka gope, ha e si ka thapelo, le go bisa go ya.
30¶ Mi ka ba coa gona, ba ea, ba ralala Galilea; mi a sa rate ope go itse ga gague.
31Gone a ruta barutoa ba gague, a ba raea, Moroa mothu o necoe mo atleñ tsa bathu, mi ba tla molaea, mi a sina bolaoa, o tla coga ka tsatsi ya bo teri.
32Mi ba si ka ba tlaloganya se o se ba raeañ, mi ba boiha go motsa.
33¶ Mi a hitla mo Kaperenama, mi ka a le mo tluñ, a ba botsa, Lo no lo ganelelañ mo tseleñ?
34Mi ba ririmala, gone ba le ba ganela mo tseleñ, eo o tla nañ mogolu.
35Mi ka a lula a bitsa ba tuelev, mi a ba raea, Ha moñue a rata a na oa ntla, eo, o tla na morago ga botle le motlañka oa botle.
36Mi a cula ñuana, a maea gare ga bona, mi ka a sina mo cula mo mabogoñ a gague, a ba raea,
37Leha e le mañmañ eo o tla culañ ñuana eo o ntseñ yana mo ineñ ya me, oa ’ncula; mi leha e le mañmañ eo o tla ’nculañ, ga ’ncule, oa cula eo o ’nthomileñ.
38¶ Eriha gona Yohane o mo arabañ, a re, Rabi, re bonye moñue a khoromeletsa ntle bademona mo ineñ ya gago, eo o sa re saleñ morago, mi ra mo itsa, gone a sa re sale morago.
39Mi Yesu, a re, Lo si mo itse, gone ena eo o tla rihañ tiho ea khakhamaco mo ineñ ya me, ga a kitla a bua mashue hela ga me.
40Gone eo o sa emalaneñ le lona, o na le lona.
41Gone leha e le mañmañ eo o tla lo naeañ senoelo sa metse mo ineñ ya me go noa, gone lo ba ga Keresete; amarure kia lo raea, ga a kitla a latlegeloa ki tuelo ea gague.
42Mi leha e le mañmañ eo o tla khopisañ moñue oa ba botlana ba, ba ba rumelañ mo go ’na, go kabo gole molemo go ena ha tlapa ya tsilo le le golegecoe mo thamuñ ea gague, mi a rigecoe mo leoatleñ.
43Mi ha seatla sa gago se gu khopisa, u se khaole, gone go molemo go uena go tsena mo botseloñ ka bokooa, bogolu go tsena ka liatla li tu mo moleteñ oa molelo, mo moleloñ o o sa tiñoeñ;
44Kua seboku sa bona se sa shueñ, le molelo o o sa tiñoeñ.
45Mi ha lonao loa gago lo gu khopisa, u lo khaole, gone e le molemo go uena go tsena ka go tlotsa mo botseloñ, bogolu go rigeloa ka linao li tu mo moleteñ oa molelo, mo moleloñ o o sa tiñoeñ.
46Kua seboku sa bona se sa shueñ, le molelo o o sa tiñoeñ.
47Mi ha leitlo ya gago le gu khopisa, u le gonye, gone e le molemo go uena go tsena u le moitlo mo bogosiñ yoa Morimo, bogolu go rigeloa ka maitlo ma tu mo moleteñ oa molelo;
48Kua seboku sa bona se sa shueñ, le molelo o o sa tiñoeñ.
49Gone moñue le moñue o tla lokoa ka molelo, le cupelo ñue le ñue e tla lokoa ka lecoai.
50Lecoai le molemo, mi ha lecoai le sina molori, lo tla le loka kañ? Lo ne le lecoai mo go lona, mi lo agisanye.

Currently Selected:

Mareko 9: TSN1890

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in