YouVersion Logo
Search Icon

Mareko 14

14
KHAOLO 14.
1MI morago ga malatsi a tu e le le moriho oa Tlolaganyo, le oa señkhue se se sa berisioañ; mi baperiseti ba bagolu, le bakuari ba batla kaha ba ka mo cuarañ go molaea ka gona ka koko.
2Mi ba re, Esiñ mo morihoñ, gore e si re khotsa ga na tlapeo mo bathuñ.
3¶ Mi ka a le mo Betania, mo tluñ ea ga Simone moleperoi, ka a rutse ha lomatiñ, ga tla mosari a na le segoana sa alebasetara, sa setlolo sa narido se se sa pekoañ, se se thata go rekoa; mi ka a sina thuba segoana sa alebasetara, a se tsela mo tlogoñ ea gague.
4Mi gabo gole bañue mo go bona ba ba gakatsegileñ ba re, Tsenyo ea setlolo se, ki eañ?
5Gone se kabo se baparicoe ka bogolu go denari li teri hundereda, mi li kabo li neiloe bahumanegi; mi ba mo ñoñoregela.
6Mi Yesu, a re, Mo leseñ, lo mo cuenyetsañ? o ’ntihetse tiho e e molemo.
7Gone lo na le bahumanegi mo go lona ka gale, mi lo ka ba rihela molemo ka motla o lo ratañ go ba rihela ka ona; mi ’na, ga lo na le ’na ka gale.
8O rihile kaha o ka rihañ ka gona; o tlile pele go tloletsa phitlo mele oa me.
9Amarure kia lo raea, Kua evangelio e, e tla reroañ gona mo hatsiñ yeotle, le gona go tla buleloa gona se mosari eo, o se rihileñ, go mo gopola ka shona.
10¶ Mi Yuda Isekariota, moñue oa batuelev, a ea go baperiseti ba bagolu, gore a mo ba okele.
11Mi ka ba utlua yalo, ba itumela, mi ba mo raea, ba tla mo naea lireko. Mi a batla go mo oka, ka lobaka lo o ka mo okañ ka lona.
12¶ Mi ka tsatsi ya ntla ya señkhue se se sa berisioañ ka Tlolaganyo e tlayoa, barutoa ba gague ba mo raea, U rata ra ea kae go etleletsa, gore u ye Tlolaganyo?
13Mi a roma ba tu ba barutoa ba gague, a ba raea, Eañ mo motseñ, mi monona o tla lo khatlantsa, a roele nkho ea metse; mo saleñ morago;
14Mi kua o tla tsenañ gona, raeañ muñ oa ntlu, Moruti a re, Ntlu ea go yela e kae, kua ki tla yelañ Tlolaganyo gona le barutoa ba me?
15Mi o tla lo bontsa ntlu e e kholu ea gorimo, e e bakancoeñ; re bakanyeletseñ gona.
16Mi barutoa ba gague ba coa, mi ba ea mo motseñ, mi ba bona yaka a ba kaetse; mi ba bakanya Tlolaganyo.
17Mi eare ka go na mabanyane, a tla le ba tuelev.
18Mi ka ba rutse, ba ya, Yesu a re, Amarure kia lo raea, Moñue oa lona, eo o yañ le ’na, o tla ’nkoka.
19Eriha gona ba simololañ go hutsahala, le go mo raea, moñue le moñue, a re, A ki ’na? le eo moñue, a re, A ki ’na?
20Mi a araba a ba raea, E le moñue oa ba tuelev, eo o inañ le ’na mo mogocaneñ.
21Moroa mothu o ea rure yaka go kuariloe ga gague; mi go latlega mothu eo Moroa mothu o okoañ ki ena; go kabo gole molemo ha mothu eo, a la a si ka a tsaloa.
22¶ Mi ka ba sa ya, Yesu a cula señkhue; mi ka a sina se tsegohatsa, a se roba, a sa ba naea, a re, Culañ, lo ye; se, ki mele oa me.
23Mi a cula senoelo, mi ka a sina itumelela, a se ba naea; mi ba noa botle ga shona.
24Mi a ba raea, Se, ki mari a me, ki mari a kholagano e nca a a cologetseñ bontsi.
25Amarure kia lo raea, ga ’nkitla ki tlola ki noa ga louñuo loa tlare sa movine go tsatsiñ ye, ki tla lo noañ lo losha mo bogosiñ yoa Morimo.
26¶ Mi ka ba sina opela sehela, ba coela kua thabeñ ea Oleva.
27Mi Yesu a ba raea, Lo tla khocoa lotle ka ntla ea me sigoñ yonu, gone go kuariloe, Ki tla betsa Morisa, mi liñku li tla halarioa.
28Mi ki tlare ki sina coga, ki tla lo etelela pele kua Galilea.
29Eriha gona Petero o mo raeañ, Leha ba ko ba khocoa botle, ga ’nkitla ki khocoa.
30Mi Yesu a mo raea, Amarure kia gu raea, U tla ’ntatola ga teri, koku e tona e si e lele ga tu, sigoñ yo yoa gompienu.
31Mi a hela a sa coelela go bua, a re, Leha ’nko ki shua nau, amarure ga ’nkitla ki gu latola ka gope. Mi botle ba bua yalo.
32Mi ba tla mo heloñ go birioañ Getsemane; mi a raea barutoa ba gague, Lulañ ha, ki tle ki tsamae ki rapele.
33Mi a tsaea Petero, le Yakobo, le Yohane nae, mi a simolola go boiha segolu le go tlaleloa;
34Mi a ba raea, Moea oa me o hutsahetse segolu ka bohutsana yoa loshu; salañ ha, mi lo rise.
35Mi a coelela pele go nyenye, a oela ha hatse, mi a rapela, gore ha go le go kana yalo, oura o o mo hete.
36Mi a re, Aba, Rra, lilo cotle li ka rihala go uena; tlosa senoelo se ha go ’na; mi esiñ go rata ga me, a e ne thato ea gago.
37Mi a tla a ba hitlela ba robetse, mi a raea Petero, Simona, a u robetse? A ga u kake ua risa ka oura moñue hela?
38Risañ lo rapele, gore lo si tsene mo thaeloñ; amarure moea o bonako, mi nama e lapile.
39Mi a ba a ea a rapela, a bua mahuku auo ka aosi.
40Mi ka a boea a ba hitlela ba bile ba robetse, gone maitlo a bona a heñoa ki boroko; mi ba sa itse kaha ba tla mo arabañ ka gona.
41Mi a tla ka loa bo‐teri, a ba raea, Robalañ yana, mi lo ikhutse; go lekanye, oura o tlile; bonañ, Moroa mothu o okecoe mo atleñ tsa baleohi.
42Emañ, a re eeñ; bonañ, eo o ’nkokañ o atametse.
43¶ Mi ka a sa bua, ga tla Yuda ka bonako, eo e le le moñue oa ba tuelev, mi a na le bontsi yo bogolu, bo na le licaka, le melamu, bo coa mo baperisetiñ ba bagolu, le bakuari, le bagolu.
44Mi yana, eo o mo okileñ a ba neile seshupo, a re, Eo ki tla mo atlañ, ki ena; mo cuareñ, le go mo isa ka tlomamo.
45Mi ka a sina tla, a ea ka bonako go ena, a re, Rabi, Rabi; mi a mo atla.
46¶ Mi ba mo latsa atla tsa bona, mi ba mo cuara.
47Mi moñue oa ba ba emeñ gona, a shomola caka, mi a rema motlañka oa moperiseti eo mogolu, mi a mo khaola tsebe.
48Mi Yesu a araba, a ba raea, A lo rule ka licaka le melamu go ’ncuara yaka ki senokuane?
49Ki le ki na le lona mo tempeleñ, ki ruta, ka malatsi aotle, mi ga loa ka loa ’ncuara: mi likualo li cuanetse go rihala.
50Mi ba mo tlogela botle, mi ba tsaba.
51Mi lekau leñue ya mo sala morago, le apere seaparo sa lene mo meleñ o o sa ikategañ, mi makau a le cuara.
52Mi ya tlogela seaparo sa lene, ya ba tsaba le sa ikatega.
53¶ Mi ba gogela Yesu kua moperisetiñ eo mogolu, kua baperiseti ba bagolu, le bagolu, le bakuari, ba phuthegetseñ gona.
54Mi Petero a mo latela a le khakala, go ea kua tluñ ea moperiseti eo mogolu, mi a lula gona le batlañka, a ikomosa ha moleloñ.
55Mi yana baperiseti ba bagolu, le botle ba khakololo ba batla cupo kaga Yesu, go molaea; mi ba si ka ba e bona.
56Gone bontsi bo le yoa shupa ka kako kaga gague, mi cupo tsa bona tsa bo li sa cuane.
57Mi bañue ba ema ba shupa ka kako kaga gague, ba re,
58Re mo utluile, a re, Ki tla rutla tempela e, e e rihiloeñ ka liatla, mi ki tla aga e ñue, esiñ ka liatla, ka malatsi a teri.
59Mi le tseuo cupo tsa bona tsa bo li sa cuane.
60Mi moperiseti eo mogolu a tloga a ema ha gare, mi a botsa Yesu, a re, A ga u arabe sepe? Eñ se ba se shupañ kaga gago?
61Mi a ririmala, mi a si ka a araba sepe. Mi moperiseti eo mogolu a ba a motsa, mi a mo raea, A ki uena Keresete Moroa Motsegoharioi?
62Yesu a araba, Ki ’na; mi lo tla bona Moroa mothu a rutse ha atleñ se se siameñ sa Mothatietle, a tla ka maru a legorimo.
63Eriha gona moperiseti eo mogolu o gagolañ liaparo tsa gague, a re, Re sa rihañ bashupi?
64Lo utluile khalo e: lo gopolañ? Mi botle ba mo sekisetsa molatuñ oa loshu.
65Mi bañue ba simolola go mo khuela mathe, le go bipa hatlogo sa gague, le go mo tlanya ka macuele, le go mo raea, Shoaba shoaba e mañ. Mi batlañka ba mo haphola.
66Mi ka Petero a le mo loapeñ lo lo kua tlatse, ga tla moñue oa bahula ba moperiseti eo mogolu;
67Mi ka a bona Petero a ikomosa, a mo leba, mi a re, Le uena u lu u na le Yesu Monasarini.
68Mi a latola, a re, Ga ki itse, le gona ga ki tlaloganye se u se buañ. Mi a coela kua khoroñ, mi koku e tona ea lela.
69Mi mohula ka a ba a mona a simolola go raea ba ba emeñ gona, Eo ki moñue oa bona.
70Mi a ba a latola. Mi khantele, ba ba emeñ gona ba ba ba raea Petero, Amarure u moñue oa bona, gone le uena u Mogalilea, gone puo ea gago entse yalo.
71Mi a simolola go roga le go ikana, a re, Ga ki itse monona eo lo buañ ga gague.
72Mi koku e tona ea lela loa bo‐tu; mi Petero a gakologeloa lehuku ye Yesu o la a le mo reile, U tla ’ntatola ga teri koku e tona e si e lele ga tu. Mi ka a gakologeloa mouo, a lela.

Currently Selected:

Mareko 14: TSN1890

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in