YouVersion Logo
Search Icon

Genese 30

30
KHAOLO 30.
1MI Rakele ka a bona a sa tsale bana le Yakobe, Rakele a huhana le mogolüe, mi a raea Yakobe, ’Nnaea bana, mi ha go sa na yalo, ki tla shua.
2Mi bogale yoa ga Yakobe yoa tukela Rakele: mi a re, A ki mo bonnoñ yoa Morimo o o gu timañ lotsalo?
3Mi a re, Bona, Bilehe lelata ya me ki eo, u ee mo go ena; me o tla khubamela ha mañoleñ a me, gore le ’na ki bone bana ka ena.
4Mi a mo nela Bilehe lelata ya gague go na mosari; mi Yakobe a ea mo go ena.
5¶ Mi Bilehe a ithuala, mi a tsala le Yakobe mosimane.
6Mi Rakele a re, Morimo o ’nkha-neletse, mi le gona o utluile koru ea me, o ’nneile mosimane: ki gona o mo shañ leina ya Dane.
7Mi Bilehe lelata ya ga Rakele a ba a ithuala, mi a tsala le Yakobe mosimane oa bo tu.
8Mi Rakele a re, Ki shukashukanye le mogolule ka cukacukano tse ri kholu, mi ki hentse: mi a mo sha leina ya Nafetale.
9¶ Erile Lie a bona a khutlile go bona bana, a tsaea Silepe lelata ya gague, mi a mo nela Yakobe go na mosari.
10Mi Silepe lelata ya ga Lie a tsala le Yakobe mosimane.
11Mi Lie a re, Leshomo le etla: mi a mo sha leina ya Gade.
12Mi Silepe lelata ya ga Lie a tsala le Yakobe mosimane oa bo tu.
13Mi Lie a re, Ki tlogonolo, gone bomoroaria bathu ba tla ’nkaea letlogonolo: mi a mo sha leina ya Ashere.
14¶ Mi Rubene a ea mo motleñ oa thobo ea mabele, mi a bona lidudaia kua nageñ, mi a li lere go Lie mague. Ereha gona Rakele o raeañ Lie, A ko u ’nnee ga lidudaia tsa ga moroau.
15Mi a mo raea, A ki se senye ka u ’ntsetse monona oa me? mi a u tla ba u tsaea le cona lidudaia tsa ga moroake? Mi Rakele a re, Ki gona o tla lalañ le uena sigoñ yonu ka lidudaia tsa ga moroau.
16Mi ga coa Yakobe kua nageñ matsiboea, mi Lie a coela go mo khatlantsa, a re, U tle mo go ’na; gone rure ki gu thapetse tuelo ka lidudaia tsa ga moroake. Mi a lala nae sigoñ youo.
17Mi Morimo oa retsa Lie, mi a ithuala, a tsala le Yakobe mosimane oa bo faeve.
18Mi Lie a re, Morimo o ’nneile tuelo ea me; gone ki netse monona oa me lelata ya me. Mi a mo sha leina ya Yisakare.
19Mi Lie a ba a ithuala, mi a tsala le Yakobe mosimane oa bo sekes.
20Mi Lie a re, Morimo o ’nnetse neo ea molemo; yana monona oa me o tla nna le ’na; gone ki tsetse nae basimane ba le sekes: mi a mo sha leina ya Sebulone.
21Mi morago ga mouo a bona mosetsana, mi a mo sha leina ya Dine.
22¶ Mi Morimo oa gopola Rakele, mi Morimo oa mo retsa, mi oa mula sepopelo.
23Mi a ithuala, mi a bona mosimane; mi a re, Morimo o tlositse khobo ea me:
24Mi a mo sha leina ya Yosefe: mi a re, Yehova o tla ’nkokeletsa ka mosimane eo moñue.
25¶ Mi ga rihala ka Rakele a sina bona Yosefe, Yakobe a raea Labane, Mma ki huruge, ki ee heloñ ga me, le kua hatsiñ ya me.
26’Nnaea basari ba me le bana ba me, ba ki ba gu riheletseñ, mi ki huruge; gone u itse tihelo ea me e ki e gu rihetseñ.
27Mi Labane a mo raea, A ’nke ki bone tsalano mo maitloñ a gago: ki lemogile ha Yehova a ’ntsegaharitse ka uena.
28Mi a re, ’Ntlaloganyetsa tuelo ea gago, mi ki tla e gu naea.
29Mi a mo raea, Ua itse kaha ki gu rihetseñ, le kaha lihutsane tsa gago li li na le ’na ka gona.
30Gone bobotlana yo u lu u na nayo ki e si ki tle bo totaharitse bontsi, mi Yehova o gu tsegaharitse ka tihelo ea me: mi yana ki tla rihelela le eona eintlu ea me leñ?
31Mi a re, Ki tla gu naeañ? Mi Yakobe a re, U si ’nnee sepe: ha u ka ’ntihela seo se, ki tla ba ki hurisa ki risa comane ya gago.
32Mi ki tla ralala comane yeotle ya gago ka yenu, ki tlaola go yeona, cotle tse ri khuana le khuebana, le cotle tse ri tloana tse ri mo liñkuñ, le tse ri khuebana, le khuana mo liporiñ: mi tseuo li tla na tuelo ea me.
33Yalo tsiamo ea me e tla ’nka-rabela motleñ o o tlañ, ha tuelo ea me e tla tla ha pele ga hatlogo sa gago: eñue le eñue e esiñ khuana le khuebana mo liporiñ, le tloana mo liñkuñ e tla kaioa e ucuiloe ha go ’na.
34Mi Labane a re, Bona, intla go ka na yaka huku ya gago.
35Mi a tlaola mo tsatsiñ yeuo liphoko tse ri tilori, le tse ri khueba, le pori tse ri namagari tse ri khuana, le khuebana, le eñue le eñue e e nañ le boshueu mo go eona, le cotle tse ri tloana mo liñkuñ, mi a li nela mo atleñ tsa bomoroaue.
36Mi a laola sebaka sa malatsi a teri gare ga gague le Yakobe: mi Yakobe a hurisa tse ri setseñ tsa macomane a ga Labane.
37Mi Yakobe a tsaea thupa tsa tlare se se talana sa mopopulera, le tsa mo-hasela, le tsa mokasetanya, mi a obola meralari mo go cona, a bonatsa boshueu yo bo mo lithupeñ.
38Mi a baea thupa tse o la a li obotse ha pele ga macomane mo likatiñ, le mo megopuñ ea metse ha lecomane le noañ gona, go lebagana le macomane ha a tla go noa, gore a nemeruhale ha a tla go noa.
39Mi macomane a nemeruhala ha pele ga lithupa, mi a tsala bolilotsana, le boguana, le boguebana.
40Mi Yakobe a tlaloganya likuana, mi a bosetsa hatlogo tsa macomane kua go tse ri tilotsana le ntloana cotle tse ri mo comaneñ ya ga Labane; mi a baea macomane a gague ka aosi, mi a sa a tsenye mo comaneñ ya ga Labane.
41Mi ga rihala ka tse ri nonohileñ tsa macomane tsa nemeruhala Yakobe a baea lithupa ha pele ga maitlo a macomane mo likatiñ gore, li nemeruhale mo lithupeñ.
42Mi eare ha macomane a phe-phile marapo a si ka a a bela lithupa, ea tsamaea a a phephileñ marapo a na a ga Labane, mi a a nonohileñ a na a ga Yakobe.
43Mi monona eo a totahala segolu, mi a na le macomane a le mantsi, le malata, le batlañka, le likamela, le liesela.

Currently Selected:

Genese 30: TSN1890

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in