YouVersion Logo
Search Icon

Genese 16

16
KHAOLO 16.
1MI yana Sarae mogatsa Aberame ga a ka a tsala nae ñuana ope; mi a na le lelata, ya Moegepeto, leina ya gague e le le Hagare.
2Mi Sarae a raea Aberame, Bona yana, Yehova o ’ncuarile gore ki si bone ñuana; kia gu rapela, u tsene go lelata ya me; etlare khotsa ki bone bana ka ena. Mi Aberame a retsa koru ea ga Sarae.
3Mi Aberame a sina nna nyaga li mo ten mo hatsiñ ya Kanana, Sarae mogatsa Aberame, a tsaea Hagare lelata ya gague, ya Moegepeto, a mo nela Aberame, monona oa gague, go na mosari oa gague.
4¶ Mi a tsena go Hagare, mi a ithuala; mi eare a sina bona a ithuele, mohumagari oa gague a nyatsega mo maitloñ a gague.
5Mi Sarae a raea Aberame, Pogisho ea me e go uena: ki netse lelata ya me mo hubeñ sa gago: mi erile a sina bona a ithuele, ka nyatsega mo maitloñ a gague: Yehova a a atlole gare ga me le uena.
6Mi Aberame a raea Sarae, Bona, lelata ya gago le mo atleñ sa gago; mo rihele kaha u ratañ ka gona. Mi erile Sarae a mo katisa, a tsaba hatlogo sa gague.
7¶ Mi moengela oa ga Yehova a mona ha mocoeriñ oa metse bogareñganaga, ha mocoeriñ mo tseleñ ea Shura.
8Mi a re, Hagara, lelata ya ga Sarae, U coa kae? mi u ea kae? Mi a re, Ki tsaba hatlogo sa ga Sarae mohumagari oa me.
9Mi moengela oa ga Yehova a mo raea, Boela mohumagariñ oa gago, mi u ikatisetse atleñ tsa gague.
10Mi moengela oa ga Yehova a mo raea, Ki tla intsihatsa losika loa gago segolu, mi ga lo kitla lo baloa ka bontsi.
11Mi moengela oa ga Yehova a mo raea, Bona, u ithuele, mi u tla bona mosimane, mi u mo she leina ya Yishemaele; gone Yehova a utluile katisego ea gago.
12Mi o tla na mothu eo o logala: atla sa gague se tla emelelana le botle, le atla tsa botle li emelelana le ena; mi o tla nna ha pele ga lihatlogo tsa bana ba ga rague botle.
13Mi a bitsa leina ya ga Yehova eo o la a bua nae, Morimo ua ’mpona: gone a re, A ki bonye le hanu morago ga gague eo o ’mponañ?
14Ki gona seriba seuo sa birioa Bere‐laha‐roi; bonañ, se ha gare ga Kadesha le Bereda.
15¶ Mi Hagare a bonela Aberame mosimane, mi Aberame a sha leina ya ga moroaue, eo Hagare o la a mo tsala nae, Yishemaele.
16Mi Aberame a na le cohalo ea nyaga li eite‐sekes, ka Hagare a bonela Aberame Yishemaele.

Currently Selected:

Genese 16: TSN1890

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in