YouVersion Logo
Search Icon

Genese 11

11
KHAOLO 11.
1MI lehatsi yeotle ya bo le le puo eñue hela, le mahuku a le mañue hela.
2Mi ga rihala ka ba hurugela kua Iseta, ba bona mogorogoro mo hatsiñ ya Shinara; mi ba nna gona.
3Mi ba rana moñue le eo moñue, Eintloñ, a re riheñ makoete, mi re a bese a bucue. Mi makoete ea bo e le maye go bona, mi bitumena ea bo e le seretse go bona.
4Mi ba re, Eintloñ, re ikageleñ motse, le turio e tlora ea eona e hitlañ kua legorimoñ; mi re itiheleñ leina, gore e si re khotsa ra halarioa mo hatsiñ yeotle.
5Mi Yehova a hologa go bona motse le turio, e bana ba bathu ba e agañ.
6Mi Yehova a re, Bonañ, bathu bañue hela, mi botle ba na le puo e le eñue hela; mi yana se, ki se ba se simololelañ go se riha; mi ga ba kitla ba khorelerioa go cotle tse ba li ikaeletseñ go li riha.
7Eintloñ, re hologeñ, mi re tlaka-nye puo ea bona gona, gore moñue le moñue a si tlaloganye puo ea moñ ka ena.
8Yalo Yehova a ba halaletsa mo hatsiñ yeotle go coa gona; mi ba khutla go aga motse.
9Ki gona leina ya ona le birioañ Babela; gone Yehova a la a tlakanya gona puo ea lehatsi yeotle; mi Yehova a ba halaletsa mo hatsiñ yeotle go coa gona.
10¶ Litsika tse ki tsa ga Sheme: Sheme a bona cohalo ea nyaga li hundereda, mi a tsala Arepakesade, nyaga li tu moroalela o sina heta:
11Mi Sheme a tsela a sina tsala Arepakesade nyaga li faeve hundereda, mi a tsala tsimane le tsetsana.
12Mi Arepakesade a tsela nyaga li terte‐faeve, mi a tsala Shele:
13Mi Arepakesade a tsela a sina tsala Shele, nyaga li for hundereda le teri, mi a tsala tsimane le tsetsana.
14Mi Shele a tsele nyaga li terte, mi a tsala Hebere:
15Mi Shele a tsela a sina tsala Hebere, nyaga li for hundereda le teri, mi a tsala tsimane le tsetsana.
16Mi Hebere a tsela nyaga li terte-for, mi a tsala Pelege.
17Mi Hebere a tsela a sina tsala Pelege, nyaga li for hundereda le terte, mi a tsala tsimane le tsetsana.
18Mi Pelege a tsele nyaga li terte, mi a tsala Reue:
19Mi Pelege a tsela a sina tsala Reue nyaga li tu hundereda le naen, mi a tsala tsimane le tsetsana.
20Mi Reue a tsela nyaga li tertetu, mi a tsala Seruge:
21Mi Reue a tsela a sina tsala Seruge, nyaga li tu hundereda le seven, mi a tsala tsimane le tsetsana.
22Mi Seruge a tsela nyaga li terte, mi a tsala Nahore:
23Mi Seruge a tsela a sina tsala Nahore, nyaga li tu hundereda, mi a tsala tsimane le tsetsana.
24Mi Nahore a tsela nyaga li tuente‐naen, mi a tsala Tere:
25Mi Nahore a tsela a sina tsala Tere, nyaga li hundereda le naenten, mi a tsala tsimane le tsetsana.
26Mi Tere a tsela nyaga li sevente, mi a tsala Aberame, le Nahore, le Harane.
27¶ Mi tsika tse ki tsa ga Tere: Tere a tsala Aberame, le Nahore, le Harane; mi Harane a tsala Lote.
28Mi Harane a shua pele ga Tere rague mo hatsiñ ya botsalelo yoa gague, kua Ura oa Bakaledia.
29Mi Aberame le Nahore ba itsela basari: leina ya mosari oa ga Aberame e le le Sarae; mi leina ya mosari oa ga Nahore, e le le Mileke, moroaria Harane, ra Mileke, le ra Yeseke.
30Mi Sarae o la a le moöpa; a sina ñuana.
31¶ Mi Tere a tsaea Aberame moroaue le Lote moroa Harane, moroa moroaue, le Sarae ñuetsi oa gague, mosari oa ga Aberame moroaue; mi ba huruga nabo mo Ura oa Bakaledia, go ea kua hatsiñ ya Kanana, mi ba hitla mo Harana, ba nna gona.
32Mi malatsi a ga Tera, e le le nyaga li tu hundereda le faeve: mi Tere a shuela mo Harana.

Currently Selected:

Genese 11: TSN1890

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in