YouVersion Logo
Search Icon

BAROMA 9

9
Bohutsana jwa ga Paulo ka ntlha ya go sa dumeleng ga Baiseraele
1Ke bua boammaaruri mo go Keresete, ga ke ake; – segakolodi sa me le sona se ntshupela jalo ka Mowa o o Boitshepo – 2ka re, ke tletse bohutsana jo bogolo, pelo ya me e utlwa botlhoko ka gale. 3Kana ke ne ke eletsa gore e kete nka bo ke hutsitswe ka nosi le go kgaolwa mo go Keresete mo boemong jwa ba ga etsho, ba e leng ba losika lwa me ka fa nameng. 4Ke raya Baiseraele ba ba amogetseng bongwana jwa Modimo le kgalalelo le dikgolagano le neo ya molao le tirelo-Modimo le ditsholofetso; 5ba borraetsho e leng ba bone, ba Keresete o duleng mo go bone ka fa nameng, yo e leng Modimo o o okameng tsotlhe, yo o bakwang ka bosakhutleng. Amen.
Ditsholofetso tsa Modimo di thusa badumedi fela
6Fela ga se go re, Lefoko la Modimo le nyeletse; gonne ga se go re, ba ba duleng mo go Iseraele ke Baiseraele botlhe. 7Le gona ga se go re, botlhe ke bana, ka e le ba losika lwa ga Aborahame; mme ga twe: “Losika lwa gago lo tla bidiwa ka Isaka.” 8Ke go re, ba e leng bana ka fa nameng fela, ga se bone bana ba Modimo; bana ba tsholofetso ke bone bana ba losika. 9Gonne Lefoko le le reng: “Ke tla tla isago ka nako eno, mme Sara o tla bo a na le ngwana wa mosimane,” ke la tsholofetso.
10Mme ga se gona fela; le ene Rebeka o ne a nna moimana ka mongwe, e bong Isaka rraetsho; 11gonne e rile bana ba ise ba tsalwe, ba ise ba dire molemo gongwe bosula, 12a bolelelwa go re: “Yo mogolo o tla direla yo mmotlana,” gore boikaelelo jwa Modimo jwa go tlhaola bo tlhomame, e seng ka ditiro, mme e le ka thato ya yo o bitsang; 13jaaka go kwadilwe ga twe: “Ke ratile Jakobe, mme Esau ke mo tlhoile.”
14Jaanong re tla reng? A go na le tshiamololo mo Modimong? Le go ka! 15Gonne o reile Moše wa re: “Ke tla utlwela botlhoko yo ke tla mo utlwelang botlhoko; ke tla tlhomogela pelo yo ke tla mo tlhomogelang pelo.” 16Jaanong he, ga se ga yo o ratang, gongwe ga yo o tabogang, mme ke ga Modimo fela o o utlwelang botlhoko; 17gonne Lokwalo le reile Farao lwa re: “Ke go tsoseditse gona moo gore ke tle ke supe thata ya me mo go wena, le gore leina la me le itsisiwe mo lefatsheng lotlhe.” 18Ke ka moo o itshwarelang yo o ratang go mo itshwarela; e bile o thatafatsa pelo ya yo o ratang go e thatafatsa mo go ene.
19Jaanong o ka mpotsa o a re: “O sa ntse o kgalemelelang? Kana ke mang yo o ka emelanang le go rata ga ona?” 20Motho ke wena! Kana o mang yo o ka ganetsanyang le Modimo? A sebopiwa se ka raya mmopi wa sona sa re: “O mpopetseng jaana?” 21A kampo mmopi ga a na thata mo letsopeng go dira selwana sengwe sa tlotlego le se sengwe sa tlotlologo, e ntse e le ka letsopa le le lengwe fela?
22Mme wena o ka reng, fa Modimo o o ratileng go supa bogale jwa ona le go itsise thata ya ona, o itshoketse ka bopelotelele jo bogolo dilwana tsa bogale tse di diretsweng tshenyego, 23gore o tle o supe lehumo la kgalalelo ya ona ka dilwana tsa bopelotlhomogi tse o di baakanyeditseng kgalalelo e sa le gale? 24Le rona o re biditse jalo, e seng mo Bajuteng fela, mme le mo baheitaneng; 25jaaka e bile o bua ka Hosea o re:
“Morafe o e neng e se wa me,
ke tla o bitsa morafe wa me,
le yo e neng e se moratwi,
ke tla mmitsa moratwi.”
26Gape: “Go tla dirafala go re,
kwa ba neng ba boleletswe
teng ga twe:
‘Lona ga lo batho ba me,’
teng ba tla bidiwa bana
ba Modimo o o phelang.”
27Jesaya ene o kua ka ga Iseraele a re:
“Le fa palo ya Baiseraele
e le kana ka mošawa
wa lewatle,
go tla pholosiwa masalela fela.
28Gonne Morena o tla dirafatsa sa
Lefoko la gagwe mo lefatsheng,
a se fetsa ka bonako.”
29Jaaka Jesaya a bile a bua pele a re:
“Fa Morena wa masomosomo
a ka bo a sa re tlogelela losika,
re ka bo re diregile
jaaka Sotoma,
ra tshwana le Gomora.”
30Jaanong re tla reng? Re tla re: Baheitane ba ba neng ba sa senke tshiamo ba amogetse tshiamo, mme e le tshiamo e e tswang mo tumelong. 31Baiseraele bone ba ba neng ba batla molao wa tshiamo, ga ba a ka ba bona molao oo. 32E le ka ntlha ya eng? E le ka go sa o batle ka tumelo, mme e le ka ditiro; jaanong ba kgopilwe ke lentswe le le kgopang; 33jaaka go kwadilwe ga twe:
“Bonang, ke baya lentswe
la kgopo mo Sione,
lefika la kgopiso;
mongwe le mongwe
yo o dumelang mo go ene
ga a nke a tlhajwa ke ditlhong.”

Currently Selected:

BAROMA 9: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in