DIPESALEME 120
120
Tsa maeto a phuthego
1Thapelo ya go batla go femelwa mo basotling. Sefela sa go ya Tempeleng.
Ke goetse Moreneng,
ke le mo pitlaganong,
mme a nkutlwa.
2 Morena, nkgolola mo molomong
wa maaka,
mo lolemeng lwa tsietso.
3O tla go nayang, a go okeletsa eng,
wena, loleme lwa tsietso?
4Metsu e e bogale ya dinatla
e e nang le magala a mohudiri!
5A tatlhego ya me wee,
ka ke jakile mo Mesege,
ka ke agile fa ditenteng tsa Ketare!
6E setse e le sebaka
se se fetang selekanyo
ke ntse ke agile fa go bona
ba ba tlhoileng kagiso.
7Nna ke wa kagiso, mme fa ke bua,
bona ba batla ntwa fela.
Currently Selected:
DIPESALEME 120: TSW70
Highlight
Share
Copy

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.