YouVersion Logo
Search Icon

DIPESALEME 100

100
Sefela sa tebogo
1Pesalome ya tebogo.
Dudueletsang Morena,
lona mafatshe otlhe.
2Direlang Morena ka boitumelo;
tlayang fa pele ga sefatlhego
sa gagwe ka tuduetso.
3Lemogang gore Morena
ke ena Modimo;
ene o re dirile, mme re ba gagwe;
re batho ba gagwe
le dinku tse o di fudisang.
4Tsenang ka dikgoro tsa gagwe
ka tebogo
le mo malapeng a gagwe ka pako.
Mo lebogeng,
lo bake leina la gagwe.
5Gonne Morena o molemo;
bopelontle jwa gagwe
bo nnetse ruri
le boikanyo jwa gagwe
mo tshikatshikeng.

Currently Selected:

DIPESALEME 100: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

Video for DIPESALEME 100