YouVersion Logo
Search Icon

DIANE 5

5
Se senye nyalo!
1Ngwanaka, botlhale jwa me o bo ele tlhoko; tlhaloganyo ya me o e sekegele tsebe 2gore o boloke kelelelo, mme molomo wa gago o boloke kitso. 3Gonne molomo wa mosadi o sele o rothisa mafura a dinotshe; magalapa a gagwe a borethe bogolo go lookwane. 4Mme la bofelo o galaka jaaka longana; o bogale jaaka tšhaka e e magale-mabedi. 5Maoto a gagwe a fologela kwa losong; dikgato tsa gagwe di ntse di atamela felo ga baswi. 6Ditselana tsa gagwe ke tsa go kgarakgatshega a sa itse gore a se ka a tlhamalela mo tseleng ya bophelo.
7Mme jaanong, banaka, nkutlweng; se tlogeleng mafoko a molomo wa me! 8A tsela ya gago e nne kgakala nae; se atamele mojako wa ntlo ya gagwe. 9E se re gongwe wa naya ba bangwe thata ya bošwa jwa gago, le e seng go naya mosadi yo o setlhogo dinyaga tsa gago, 10e se re gongwe ba bangwe ba kgora ka thata ya gago le ka tse o di bonyeng ka matsapa, tsa ya mo ntlong ya motho o sele. 11E se re gongwe mo bokhutlong jwa gago, fa go fela mmele wa gago le nama ya gago, o a fegelwa, 12o a re: “Joo nna wee! Ke ne ke reng, fa ke ila thuto; fa pelo ya me e nyatsa kgalemelo, 13fa ke sa utlwe mantswe a baruti ba me fa ke sa sekegele ba ba nthutang tsebe! 14Ke batlile go wela gotlhe mo tatlhegong, ke le mo gare ga batho le phuthego!”
15Nnyaya! Nwaa metsi a sediba sa gago, a a tswelang mo motsweding wa gago. 16A o a re, metswedi ya gago e tshologele kwa ntle; dinokana tsa metsi tsa gago di ele mo dipatlelong? 17Nnyaya! A e nne tsa gago o le nosi, e seng tsa ba bangwe nao! 18A motswedi wa gago o tshegofale; o itumelele mosadi wa bošwa jwa gago o le nosi. 19O a ratega jaaka tshephe e namagadi, o montle jaaka mofele o monamagadi. A bontle jwa gagwe bo go lapolose ka metlha, wena o nne o itumele ka lorato lwa gagwe. 20Morwaaka, o ratelang go kgatlhwa ke mosadi o sele? O ka tlamparela jang mosadi yo e seng wa gago? 21Gonne ditsela tsa mongwe le mongwe di bonwa ke matlho a Morena; o ntse a tlhokomela metlhala yotlhe ya gagwe. 22Moikepi o tla tshwarwa ka melato ya gagwe, a golegwa ka megala ya boleo jwa gagwe. 23O tla swa ka go sa rutega, a latlhega ka bosilo jo bogolo jwa gagwe.

Currently Selected:

DIANE 5: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in