YouVersion Logo
Search Icon

JONA 4

4
Ngongorego ya ga Jona. Kutlwelo-botlhoko ya Modimo
1Mme Jona a kgopisega thata, a ngala, 2a rapela Morena a re: “Ao, Morena, a ga ke a re jalo ke sa le mo lefatsheng la ga etsho? Ke ka moo ke neng ke itlhaganela go tshabela kwa Tharesise. Kana ke ne ke itse gore ò Modimo o o boitshwarelo le kutlwelo-botlhoko, o o bopelotelele le bopelotlhomogi jo bogolo, o o busang pelo mo bogaleng. 3Jaanong Morena, a ko o tlose mowa wa me mo go nna; gonne mo go nna go swa go molemo bogolo go go phela.”
4Ke fa Morena a re: “A ò a re ò tuka bogale ka tshwanelo?”
5Mme Jona a tswela kwa ntle ga motse, a nna fa fatshe mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya motse; a itirela leobo gona, a nna fa tlase ga lone mo moriting go ya go fitlhelela a bone se se tla dirafalelang motse. 6Ke fa Morena a tlhogisa mokhure gore o okame Jona, o mo direle moriti mo tlhogong, o mo tlose mo ngalong ya gagwe. Mme Jona a itumelela mokhure oo thata thata. 7Jaanong ya re mahube a tlhatloga mo letsatsing la ka moso, Modimo wa laela seboko; sona sa fetlha mokhure oo, wa ba wa swaba. 8Ya re letsatsi le tswa, Modimo wa fokisa phefo e e bolelo ya botlhabatsatsi; ke fa letsatsi le tlhaba Jona mo tlhogong, a ba a nyema moko, a kopela mowa wa gagwe go swa a re: “Mo go nna go swa go molemo bogolo go go phela.”
9Mme Modimo wa raya Jona wa re: “A ò a re ò tuka bogale ka tshwanelo ka ntlha ya mokhure?”
A araba a re: “Ke tla tuka bogale ka tshwanelo go fitlha losong.”
10La bofelo Morena a re: “Wena ò tlhomogela mokhure pelo o ò sa itapisang ka ntlha ya ona, o ò sa o godisang. O godile mo bosigong bo le bongwe, wa ba wa nyelela mo bosigong bo le bongwe. 11Mme nna a ga ke a tshwanela go tlhomogela Ninife pelo, yo e leng motse o mogolo, o o nang le batho ba ba fetang 120 000 ba ba sa itseng go farologanya letsogo le le jang le la molema, le diphedi di le dintsi?”

Currently Selected:

JONA 4: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in