YouVersion Logo
Search Icon

JONA 2

2
Jona o mo mpeng ya tlhapi. Thapelo ya ga Jona le go phologa ga gagwe
1Jaanong Jona a rapela Morena, Modimo wa gagwe, a le mo mpeng ya tlhapi 2a re:
“Ke ne ka rapela Morena
ke le mo tlalelong,
mme a nkutlwa;
ka goa ke le mo felong ga baswi,
mme wa utlwa lentswe la me.
3O ne o ntatlhetse kwa tengteng
mo gare ga lewatle;
morwalela o ne o ntikanyetsa.
Dintelo tsotlhe tsa gago
le makhubu a gago a metsi
tsa feta godimo ga me.
4Mme ke itheile ka re:
‘Ke lelekilwe
ka tlosiwa fa pele ga gago.
A ke tla tlhola ke bona Tempele
e e Boitshepo ya gago gape?’
5Metsi a ne a ntikaganyetsa,
a batla go mpeta,
morwalela o le mo tikologong
ya me,
motlhaka wa lewatle
o ntharile tlhogo.
6Ka fologela kwa metheong
ya dithaba,
ka tswalelwa ke lefatshe
ka go sa feleng,
mme wena o ntshitse
bophelo jwa me mo bodibeng,
Morena, Modimo wa me.
7E rile mowa wa me o tlhoboga
mo teng ga me,
ka gakologelwa Morena;
thapelo ya me ya fitlha
koo go wena mo Tempeleng
e e Boitshepo ya gago.
8Ba ba tlotlang medimo
ya boithamako,
ba tlogela
yo o bopelotlhomogi le bone.
9Mme nna ke rata
go go direla setlhabelo
ka lentswe le le lebogang.
Se ke se ikanetseng
ke tla se dirafatsa.
Thuso e mo Moreneng.”
10Ke fa Morena a laola tlhapi gore e tlhatsetse Jona kwa lefatsheng.

Currently Selected:

JONA 2: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in