YouVersion Logo
Search Icon

JESAYA 4

4
1Ka letsatsi leo basadi ba supa ba tla tshwara monna a le mongwe ba re: “Re tla ja dijo tsa rona, re apara diaparo tsa rona, fela a re ke re bidiwe ka leina la gago gore o tlose kgobo ya rona.”
Ka ga pholoso e e latelang petso
2Ka sebaka seo letlhogela la Morena e tla nna mokgabo le kgalalelo; leungo la lefatshe e tla nna bogolo le bontle jwa Baiseraele ba ba falotseng. 3Jaanong masalela a a mo go Sione le ba ba setseng mo Jerusalema ba tla bidiwa baitshepi, e leng mongwe le mongwe wa Jerusalema yo o kwadilweng gore a tle a bone bophelo; 4fa Morena a sena go tlhapisa bomorwadia Sione maswe le go gogola melato ya madi ya Jerusalema le go e tlosa teng ka Mowa wa tshekiso le ka Mowa wa nyeletso. 5Morena o tla dira leru le musi motshegare, le phatsimo ya molelo o o tukang bosigo godimo ga dikago tsotlhe tsa thaba ya Sione le godimo ga diphuthego tsa yona. Gonne tshireletso e tla nna teng godimo ga tsotlhe tse di galalelang. 6Moriti wa leobo o tla nna teng motshegare wa go tshaba mogote wa letsatsi le wa go tshabela teng le go itshireletsa teng mo sefakong le mo puleng.

Currently Selected:

JESAYA 4: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in