YouVersion Logo
Search Icon

HOSEA 4

4
Go kgalemelwa dibe wa Baiseraele
1Utlwang Lefoko la Morena, lona Baiseraele! Gonne Morena o na le kgang le baagi ba lefatshe, ka gore ga go na boammaaruri le e seng lorato le e seng kitso ya Modimo mo lefatsheng. 2Ba a rogaka, ba a aka, ba a bolaya, ba a utswa, ba a akafala, ba thuba matlo; mme molato wa polao o tlhatlaganye le molato wa polao. 3Ka ntlha ya moo lefatshe le tla hutsafala, mongwe le mongwe yo o agileng mo go lone o tla swaba mmogo le diphologolo tsa naga le dinonyane tsa loapi; ee, ditlhapi tsa lewatle le tsona di tla tlosiwa.
Morena o beela baperesiti molato
4“Fela a go se ka ga sekisa ope! A go se ka ga kgalemela ope! Gonne morafe wa me o tshwana le wena, moperesiti. 5Mme o tla wa motshegare, moporofeti le ene a wa nao bosigo; e bile ke tla nyeletsa mmaago. 6Morafe wa me o a nyelediwa, ka o tlhoka kitso. E re ka wena o latlhile kitso, le nna ke tla go latlha gore o se ntirele ka boperesiti, e re ka o lebetse molao wa Modimo wa gago, le nna ke tla lebala bana ba gago.
7“Go nteofela ga bone go kana ka go ntsifala ga bone. Tlotlo ya bone ke tla e fetola nyatsego. 8Ba phela ka ditlhabelo tsa boleo tsa morafe wa me; dipelo tsa bone di eletsa tshiamololo ya ona. 9Moperesiti o tla dirafalelwa ke se se dirafalelang morafe; ke tla mmeletsa ditsela tsa gagwe, ke mmusolosetsa ditiro tsa gagwe. 10Le fa ba ja, ga ba na go kgora; le fa ba akafala, ga ba na go ata; gonne ba khutlile go obamela Morena.
Tirelo-medimo ya diseto
11“Boaka le weine le matute a moweine di senya pelo. 12Morafe wa me o botsa logong lwa ona; kotana ya ona e a ba itsise. Gonne mowa wa boaka o ba timeditse, ba dira boaka ka go tlogela Modimo wa bona. 13Ba dira ditlhabelo mo ditlhoeng tsa dithaba, ba fisa maswalo mo dithoteng fa tlase ga ditlhare tsa eike le popoleri le metherebinthe, gonne moriti wa tsona o monate.
“Ka ntlha ya moo bomorwadia-lona ba a akafala, betsi ba lona ba fetoga dinyatsi. 14Ga nkitla ke watlhaya bomorwadia-lona, ka ba akafala, le betsi ba lona, ka ba senya nyalo; gonne banna ka bosi ba iphitlha kwa thoko le diaka, ba dira ditlhabelo le diaka tsa tempele ya medimo. Ka ntlha ya moo morafe o o se nang tlhaloganyo o tla wa.
15“Le fa wena, Iseraele, o rata go akafala, a Juta a se ka a dira molato oo! Lo se ka lwa ya kwa Gilegala, lo se ka lwa tlhatlogela kwa Bethawene, lo se ka lwa ikana lo a re: ‘Ka Morena yo o phelang!’ 16Gonne Iseraele o kgopo jaaka kgomo e e sekwere. Jaanong Morena o tla ba fudisa jaaka kwanyana mo gare ga naga. 17Eferaime o golagantswe le medimo ya diseto. Mo lese! 18E a re ba sena go nwa, ba akafale gagolo. Barena ba bona ba rata dilo tsa ditlhong thata. 19Phefo e tla ba phutha ka diphuka tsa yona. Ba tla tlhajwa ke ditlhong ka ntlha ya dialetare tsa bona.

Currently Selected:

HOSEA 4: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in