YouVersion Logo
Search Icon

BAHEBERE 9

9
Ditlhabelo tsa kgolagano e kgologolo di ne di tshwanetse go boelelwa, ka di se botlalo. Setlhabelo sa ga Keresete se dirilwe gangwe fela; gonne ke se ruri se tletseng
1Mme jaanong le yona kgolagano ya ntlha e ne e na le dithulaganyo tsa tirelo-Modimo le Felo-ga-Boitshepo ga lefatshe. 2Gonne go ne go tlhongwa Tempelana: Go le karolo ya botlhabatsatsi e go neng go le setlhomo sa lobone le tafole le dinkgwe tsa tshupo mo go yona e e bidiwang Felo-ga-Boitshepo; 3mme fa morago ga lesire la bobedi go le Tempelana e e bidiwang Felo-ga-Boitshepo-jwa-Maitshepo; 4mo go neng go na le aletare ya maswalo ya gouta le Letlole la Kgolagano le le manegilweng gouta gotlhe, le mo go lone go neng go le nkgwana ya gouta e e nang le Mmana le thobane ya ga Arone e e kileng ya tlhoga, le matlapa a kgolagano. 5Kwa godimo ga lone go ne go le boKerubime ba kgalalelo, ba okame sekhurumelo sa thuanyo; mme ga go ka ke ga buiwa ka ga sengwe le sengwe sa dilo tseo jaanong.
6Mme e rile dilo tseo di sena go baakanngwa jalo, baperesiti ba nna ba tsena ka gale mo Felong-ga-Boitshepo, e le go dirafatsa tsa tirelo-Modimo, 7mme mo Felong ga bobedi go tsena moperesiti yo mogolo a le esi fela gangwe ka ngwaga, e se kwa ntle ga madi a o a isang teng ka ntlha ya maleo a gagwe le a batho a a dirilweng ka go sa itemoge. 8Ka tseo Mowa o o Boitshepo o ne o supa gore tsela e e yang kwa Felong-ga-Boitshepo e ne e ise e bonatsege, fa Taberenakele ya ntlha e sa ntse e le teng, 9e e leng sekao se se lebileng sebaka seno, e ka fa mokgweng wa yona go isiwang dineo le ditlhabelo teng tse di sa ka keng tsa dira gore modiredi a nne yo o tletseng ka fa segakoloding. 10Kana ke dithulaganyo tsa nama fela ka ga dijo le dino le ditlhapiso tsa mefutafuta, tse di beilweng fela go ya go fitlha sebakeng sa tlhabololo.
11Mme Keresete o tsile go nna moperesiti yo mogolo wa masego a a tla tlang, a ralala Felo-ga-Boitshepo fa go gaisang ga pele ka bogolo le botlalo, fa go sa dirwang ka diatla, ke go re, fa e seng ga tlholego eno. 12Le gona, ga a a tsena ka madi a diphoko le a dinamane, mme o tsenye ka madi a e leng a gagwe gangwe fela mo Felong-ga-Boitshepo-jwa-Maitshepo, a dira kgololo e e sa khutleng. 13Gonne fa madi a diphoko le a dipoo le molora wa namane ya moroba o o gasiwang mo go ba ba kgotlelegileng, di ba itshepisa gore ba nne phepa mo mmeleng, 14madi a ga Keresete yo o ineetseng Modimo ka Mowa o o sa khutleng go nna setlhabelo se se se nang bogole, ona a tla phepafatsa bogolo jang ne digakolodi tsa rona go tswa ditirong tse di suleng gore re direle Modimo o o tshelang!
15Ke ka ntlha ya moo Keresete e leng Moruanyi wa kgolagano e ntšhwa gore bone ba ba biditsweng ba amogele boswa jo bo sa feleng, jo bo boleletsweng pele, loso lwa gagwe lo sena go dirafala go nna kgololo ya ditlolo tsa sebaka sa kgolagano ya ntlha.
16Gonne kwa lokwalo lwa boswa lo leng teng, loso lwa yo o lo kwadileng lo tshwanetse lwa supiwa. 17Kana lokwalo lwa boswa lo amogela thata ka loso, ka lo sa ka ke lwa nna le thata ka gope, fa yo o lo dirileng a sa ntse a tshela. 18Ka ntlha ya moo kgolagano ya pele le yona ga e a ka ya kgakolwa kwa ntle ga madi. 19Gonne e rile taolo nngwe le nngwe e sena go bolelelwa morafe otlhe ke Moše ka fa molaong, a tsaya madi a dinamane le a diphoko mmogo le metsi le boboa jo bohibidu le mosiama, a ba a kgatsha lokwalo ka losi le morafe otlhe ka tsona, 20a re: “Ke ona madi a kgolagano e Modimo o e lo laetseng.” 21Le yona Taberenakele le didiri tsotlhe tsa tirelo-Modimo a di kgatsha fela jalo ka madi. 22Dilo tse di phepafadiwang ka madi ka fa molaong e batlile go nna tsotlhe, mme kwa ntle ga go tsholola madi ga go na boitshwarelo bope.
23Jaanong go ne go batlega gore ditshwantsho tsa dilo tse di kwa legodimong di phepafadiwe ka ditlhabelo tseo, mme dilo tsa legodimo ka tsosi tsone ka ditlhabelo tse di phalang tsele. 24Gonne Keresete ga a ka a tsena mo Felong-ga-Boitshepo fa go dirilweng ka diatla, fa e leng setshwantsho fela sa felo ga boammaaruri, mme o tsenye mo legodimong tota gore jaanong a bonale fa pele ga sefatlhego sa Modimo ka ntlha ya rona. 25Le gona e ne e se gore a itire setlhabelo gantsi, jaaka moperesiti yo mogolo a tsena mo Felong-ga-Boitshepo-jwa-Maitshepo ka ngwaga le ngwaga ka madi a e seng a gagwe. 26Gonne foo o ka bo a ne a na le go boga gantsi go tswa tlholegong ya lefatshe. Mme jaanong o bonetse gangwe fela mo bokhutlong jwa metlha gore a tlose boleo ka go itira setlhabelo. 27Mme go tla dirafala jaaka batho ba beetswe go swa gangwe fela, mme go tla katlholo morago ga moo: 28Keresete le ene yo o dirilweng setlhabelo gangwe fela gore a tlose maleo a ba bantsi, o tla bonala la bobedi, e se ka ntlha ya boleo mo go bone ba ba mo lebeletseng go ba isa phologong.

Currently Selected:

BAHEBERE 9: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in