YouVersion Logo
Search Icon

2 BATHESALONIKA 1

1
Tumediso
1Nna Paulo le Silefano le Timotheo re kwalela phuthego ya Thesalonika e e mo go Modimo Rraetsho le mo go Morena Jesu Keresete:
2A bopelotlhomogi bo nne le lona le kagiso tse di tswang mo go Modimo Rraetsho le mo go Morena Jesu Keresete!
Botswelelopele jwa Bathesalonika le tlhomamo ya bona mo tumelong le mo loratong mo nakong ya dipogo
3Re tshwanetse go leboga Modimo ka gale ka ntlha ya lona, bakaulengwe, jaaka go tshwanetse; ka gonne tumelo ya lona e ntse e gola thata, le lorato lwa mongwe le mongwe wa lona lo lo ratanang ka lone lo ntse lo totela pele. 4Ke ka moo rona ka rosi re belafalang ka lona mo diphuthegong tsa Modimo ka ntlha ya boitshoko jwa lona le tumelo mo dipogisong tsotlhe tsa lona le mo dipitlaganyong tse lo di itshokelang.
5Ke sesupo sa katlholo e e siameng ya Modimo gore lo kaiwe lo le ba ba tshwanetseng puso ya Modimo e lo bileng lo e bogela; 6ka gonne go siame mo Modimong gore o busetse ba ba lo pitlaganyang pitlaganyo, 7mme lona ba lo pitlaganngwang o lo lapolose mmogo le rona mo ponatshegong ya Morena Jesu, mogang a tswang kwa legodimong, a na le baengele ba thata ya gagwe, 8a le mo kgabong ya molelo, a busolosa bone ba ba sa itseng Modimo, e bong bone ba ba sa utlweng Efangele ya ga Jesu Morena wa rona. 9Ba tla boga petso, e bong tshenyego e e sa khutleng, e le ya go nna kgakala le sefatlhego sa Morena le kgalalelo ya thata ya gagwe, 10motlhang a tlang go galalediwa mo baitsheping ba gagwe, le go gakgamalelwa ke badumedi botlhe ka letsatsi leo; gonne tshupo ya rona e re e lo reretseng e dumetswe.
11Ke ka moo re ntseng re lo rapelela gore Modimo wa rona o lo dire ba ba tshwanetseng pitso, o bo o dirafatse natefelo nngwe le nngwe ya bopelontle jwa ona le tiro ya tumelo ka thata, 12gore leina la ga Jesu Morena wa rona le galalediwe mo go lona le lona mo go ene ka fa bopelotlhomoging jwa Modimo wa rona le jwa Morena Jesu Keresete.

Currently Selected:

2 BATHESALONIKA 1: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in