YouVersion Logo
Search Icon

2 DIKGOSI 7

7
1Mme Elisa a re: “Utlwang lefoko la Morena! Morena o bua jaana a re: ‘Kamoso ka nako e lekokoko la bupe jo bosweu le tla ja šekele le makokoko a le mabedi a garase a tla ja šekele mo kgorong ya Samaria.’ ”
2Mme molaodi wa batlhabani yo kgosi e neng e ikaega ka letsogo la gagwe a fetola monna wa Modimo a re: “Bona, le fa Morena a dira maroba kwa legodimong, a go ka dirafala jalo?” Mme Elisa a re: “Bona, o tla bona ka matlho a gago, mme ga o ne o ja dijo tsa teng.”
Mephato ya Basiria e a tshaba
3Jaanong go ne go le banna ba balepero ba le bane fa kgorong, mme ba raana ba re: “Re duletseng fano go fitlhelela re be re e swa? 4Fa re ka re: A re tseneng mo motseng go ntse go le tlala mo motseng, re tla swela gona; mme fa re ka nna fano le gona re tla swa. Jaanong he, a re tshabeleng kwa bothibelelong jwa Basiria. Fa ba re phedisa, re tla phela; fa ba re bolaya, re tla swa.” 5Mme ba nanoga ka lotlatlana go ya kwa bothibelelong jwa Basiria. Mme ya re ba fitlha kwa tshimologong ya bothibelelo jwa Basiria, ba fitlhela go se na ope. 6Gonne Morena o ne a utlwisitse mephato ya Basiria loratla lwa dikoloi tsa ntwa le metibo ya dipitse le modumo wa mephato e mentsi, mme ba raana ba re: “Bonang, kgosi ya Iseraele e rapile dikgosi tsa Bahethe le dikgosi tsa Egepeto go tlhabana le rona gore di tle di re wele.” 7Ka moo ba ne ba bothologile ka lotlatlana, ba tshaba, ba tlogela ditente tsa bone le dipitse tsa bone le diesele tsa bone, e bong bothibelelo ka fa bo ntseng ka teng, ba re ba pholosa maphelo a bone.
8Jaanong ya re balepero bale ba fitlha kwa tshimologong ya bothibelelo, ba tsena mo tenteng nngwe, ba a ja, ba a nwa, ba tsaya selefera teng le gouta le diaparo, ba ya ba di epela; ba boa ba tsena mo tenteng e nngwe, ba tsaya dilo teng, ba ya ba di epela. 9Ba be ba raana ba re: “Ga re dire ka tshwanelo. Letsatsi le ke letsatsi la mafoko a boitumelo. Fa re ka didimala le go diega go fitlhelela bosigo bo sa, re tla bonwa molato. Jaanong he, tlayang a re yeng, re begele ba kgosing.” 10Ya re ba fitlha, ba bitsa badisa ba kgoro ya motse, ba ba itsise ba re: “Re tswa kwa bothibelelong jwa Basiria, re fitlhetse go se na ope, le e seng lentswe la motho, fa e se dipitse di golegilwe le diesele di golegilwe le ditente ka fa di ntseng ka teng.”
11Ke fa badisa ba kgoro ba tlhaba mokgosi, mme ga begwa mo teng ga ntlo ya kgosi. 12Kgosi ya tsoga bosigo ya raya batlhanka ba yona ya re: “A nke ke lo bolelele se Basiria ba se re diretseng: Ba itse gore re bolawa ke tlala, mme ba ne ba tswa mo bothibelelong go ya go iphitlha kwa nageng ba re: ‘E tla re ba tswa mo motseng, re ba tshware fela, re sa ba bolae, re be re tsene mo motseng.’ ”
13Ga fetola mongwe wa batlhanka ba yona a re: “A ko go tsewe dipitse di le tlhano mo go tse di setseng. Kana di tshwana fela le bontsi jotlhe jwa Baiseraele ba ba setseng mo go ona. Kana di tshwana fela le bontsi jotlhe jwa Baiseraele ba ba nyeletseng. A re di romeleng, re be re bone.” 14Ke fa ba tsaya dikoloi di le pedi le dipitse, mme kgosi ya roma batho ka tsona gore ba letele mephato ya Basiria ya re: “Yaang lo bone!” 15Ya re ba ba latela go ya kwa Joretane, ba fitlhela tsela yotlhe e tletse diaparo le dibolai tse Basiria ba di latlhileng ka go tshaba ka potlako. Ke fa barongwi ba boa ba bolelela kgosi jalo. 16Jaanong batho ba tswa, ba thukhutha bothibelelo jwa Basiria, mme lekokoko la bupe jo bosweu la ja šekele le makokoko a le mabedi a garase a ja šekele ya selefera ka fa lefokong la Morena.
17Mme kgosi ya dira molaodi yole wa batlhabani yo e neng e ikaega ka letsogo la gagwe mookamedi wa kgoro. Gona mo kgorong batho ba mo gataka, mme a swa jaaka go ne go buile monna wa Modimo yo o buileng jalo, fa kgosi e fologela kwa go ene. 18Ga dirafala jaaka monna wa Modimo a ne a boleletse kgosi a re: “Kamoso ka nako e makokoko a le mabedi a garase a tla ja šekele ya selefera le lekoko la bupe jwa setou le tla ja šekele mo kgorong ya Samaria.” 19Ke fa molaodi wa batlhabani a ne a fetotse monna wa Modimo a re: “Bona, le fa Morena a dira maroba kwa legodimong, a go ka dirafala jalo?” Mme Elisa o ne a arabile a re: “Bona, o tla bona ka matlho a gago, mme ga o ne o ja dijo tsa teng.” 20Ga mo dirafalela jalo: Batho ba mo gataka mo kgorong, mme a swa.

Currently Selected:

2 DIKGOSI 7: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy