Jaana ga dirala e rile lorako lo sena go agiwa, mme ke sena go tsenya ditswalo, le balebedi ba kgoro le baopedi, le Balefi ba sena go tlhongwa, ka tsenya Jerusalema mo tebelong ya ga Hanani nnake, le Hanania molaodi wa kago e e thata ya phemelo; gonne e ne e le monna yo o boikanngo, a boifa Modimo bogolo go gaisa batho ba le bantsi.