1
MATHAIO 9:37-38
BAEBELE e e Boitshepo
Foo a raya barutwa ba gagwe a re: “Thobo e kgolo ruri, mme barobi ba a tlhaela. Ke gone, rapelang Morena wa thobo, gore a rome barobi mo thobong ya gagwe.”
Compare
Explore MATHAIO 9:37-38
2
MATHAIO 9:13
Tsamayang lo ithute gore le a reng lefoko le: ‘Ke eletsa boutlwelobotlhoko e seng setlhabelo;’ gonne ga ke a tla go bitsa basiami, fa e se baleofi fela.”
Explore MATHAIO 9:13
3
MATHAIO 9:36
Ya re a bona matshutitshuti a batho, a ba tlhomogela pelo, ka ba patikegile ba gasagasame jaaka dinku tse di se nang modisa.
Explore MATHAIO 9:36
4
MATHAIO 9:12
Ya re a go utlwa a re: “Ba ba itekanetseng ga ba dire ngaka sepe, fa e se ba ba lwalang fela.
Explore MATHAIO 9:12
5
MATHAIO 9:35
Mme Jesu a tlhatlologanya metse le metsana yotlhe, a eta a ruta mo matlong a bone a thuto, a rera Mafoko a a Molemo a bogosi, a fodisa dipobolo dingwe le dingwe tsotlhe, le malwetse mangwe le mangwe otlhe fela.
Explore MATHAIO 9:35
Home
Bible
Plans
Videos