1
MATHAIO 8:26
BAEBELE e e Boitshepo
Mme a ba raya a re: “Lo boifelang, ba tumelo e potlana ke lona?” Foo a tsoga a kgalemela diphefo le lewatle; mme ga nna tuulalo e kgolo.
Compare
Explore MATHAIO 8:26
2
MATHAIO 8:8
Mme molaodi a mo fetola a re: “Morena, go a rona fa o ka tla go tsena tlase ga ditlhomeso tsa ntlo ya me; bua lefoko lengwe fela, mme motlhanka wa me o tlaa fola.
Explore MATHAIO 8:8
3
MATHAIO 8:10
Jesu ya re a utlwa, a gakgamala, a raya ba ba mo setseng morago a re: “Ammaaruri ke a lo raya, ga ke ise nke ke bone tumelo e e kanakana, nnyaa, le fa e le mo go Iseraele.
Explore MATHAIO 8:10
4
MATHAIO 8:13
Mme Jesu a raya molaodi wa mophato a re: “Tsamaya, fela jaaka o dumetse, a go go dirafelele jalo.” Mme motlhanka a fola fela ka lone lobaka loo.
Explore MATHAIO 8:13
5
MATHAIO 8:27
Mme banna bao ba gakgamala ba re: “Ana monna yo ke motho yo o ntseng jang, fa e bo ne ne diphefo le tsone di mo utlwa jaana le lewatle?”
Explore MATHAIO 8:27
Home
Bible
Plans
Videos