1
1 TIMOTHEO 3:16
BAEBELE e e Boitshepo
Kwa ntle ga kgang, boteng jwa bosaitseweng jwa poifo Modimo bo bogolo; ke go re: Ene yo o bonaditsweng mo nameng, a siamisiwa ke Mowa, a bonwa ke baengele, a rerwa mo merafeng, a dumelwa mo lefatsheng, a tsholelediwa kwa kgalalelong.
Compare
Explore 1 TIMOTHEO 3:16
2
1 TIMOTHEO 3:2
Ke gone mookami wa phuthego o na le go nna motho yo o se nang molato, e le monna yo o mosadi mongwe fela, a ikgapile, a le mogopolo o o lekalekanyeng, a le mokgwa montle, e le yo o tsholang batho sentle, a itse go ruta
Explore 1 TIMOTHEO 3:2
3
1 TIMOTHEO 3:4
A itse go laola ntlo ya gagwe sentle, bana ba gagwe ba mo utlwa ka tshisimogo yotlhe
Explore 1 TIMOTHEO 3:4
4
1 TIMOTHEO 3:12-13
A bagolwane ba phuthego e nne banna ba ba mosadi a le mongwe fela, ba laole bana ba bone le matlo a bone sentle. Gonne ba ba dirileng sentle e le bagolwane ba phuthego, ba iponela boemo jo bo molemo, le tshosologo e kgolo mo tumelong e e mo go Keresete Jesu.
Explore 1 TIMOTHEO 3:12-13
Home
Bible
Plans
Videos