Ke gone, ke eletsa gore banna ba rapele mo felong gongwe le gongwe ba tsholeditse mabogo a a itshepileng, ka mo go se nang bogale le kgang. Le gone fela jalo, gore basadi ba ikgabise ka diaparo tse di seng maphatsiphatsi, ba le bori le tekano; ba se ka ba ikgabisa ka go iphora moriri loetse, kgotsa ka gouta, kgotsa ka diperela, kgotsa ka diaparo tse di tlhwatlhwa kgolo; mme a e nne ka ditiro tse di molemo – e le mo go tshwanetseng basadi ba ba ipalang ka poifomodimo.