1
MATHEO 22:37-39
Setswana 1970
A mo araba a re: “ ‘Rata Morena, Modimo wa gago, ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe le ka tlhaloganyo yotlhe ya gago.’ E ke yona taolo e kgolo le ya ntlha. Mme ya bobedi e tshwana nayo, e a re: ‘Rata mongwe-ka-wena jaaka o ithata.’
Compare
Explore MATHEO 22:37-39
2
MATHEO 22:40
Mo ditaolong tsoo pedi tse go akareditswe molao otlhe le baporofeti.”
Explore MATHEO 22:40
3
MATHEO 22:14
“Gonne ba ba biditsweng ba bantsi, mme ba ba tlhaotsweng ga ba banene.”
Explore MATHEO 22:14
4
MATHEO 22:30
gonne mo tsogong ya baswi ga ba nyale, le fa e le go nyalwa; mme ba ntse jaaka baengele kwa legodimong.
Explore MATHEO 22:30
5
MATHEO 22:19-21
Ntshupetseng ledi la lekgetho!” Ba tsisa ledi la selefera kwa go ene. A ba botsa a re: “Setshwantsho se le sekwalo se ke tsa ga mang?” Ba mo araba ba re: “Ke tsa Kaisara.” Jaanong a ba raya a re: “Ka moo he, ntshetsang Kaisara tse e leng tsa Kaisara le Modimo tse e leng tsa Modimo.”
Explore MATHEO 22:19-21
Home
Bible
Plans
Videos