1
MATHEO 21:22
Setswana 1970
Le tsotlhe tse lo ka di kopang mo thapelong ka go dumela, lo tla di amogela.”
Compare
Explore MATHEO 21:22
2
MATHEO 21:21
Jesu a ba araba a re: “Ammaaruri ke lo raya ke re: Fa lo na le tumelo, lo sa belaele, lo ka dira, e seng fela se se diretsweng mofeie; mme fa lo ka raya thaba e lo a re: ‘Itsholetse o itigele mo lewatleng,’ go ka dirafala.
Explore MATHEO 21:21
3
MATHEO 21:9
Mme batho ba ba mo eteletseng pele le ba ba mo setseng morago ba tlhaba mokgosi ba re: “Hosana go Morwa Dafita! Go bakwe yo o tlang ka leina la Morena; Hosana mo magodimodimong!”
Explore MATHEO 21:9
4
MATHEO 21:13
a ba raya a re: “Go kwadilwe ga twe: ‘Ntlo ya me e tla bidiwa Ntlo ya thapelo;’ mme lona lo e dirile mongobo wa dinokwane.”
Explore MATHEO 21:13
5
MATHEO 21:5
“Bolelelang Morwadia Sione lo re: ‘Bona, Kgosi ya gago e tla go wena, e le bonolo, e palame esele, e bong eselana, ngwana wa esele.’ ”
Explore MATHEO 21:5
6
MATHEO 21:42
Jesu a ba raya a re: “A ga lo ise lo ke lo buise mo Dikwalong fa go tweng: “ ‘Lentswe le baagi ba le latlhileng ke lone le le dirilweng letlapa la sekhutlo. Seo se dirilwe ke Morena, se bile se gakgamatsa mo matlhong a rona.’
Explore MATHEO 21:42
7
MATHEO 21:43
“Ke ka ntlha ya moo ke lo rayang ke re: Puso ya Modimo e tla tlosiwa mo go lona, e newa setšhaba se se tla ntshang maungo a yona.
Explore MATHEO 21:43
Home
Bible
Plans
Videos