1
MATHEO 16:24
Setswana 1970
Ke fa Jesu a raya barutwa ba gagwe a re: “Fa mongwe a rata go ntshala morago, a a itlogele, a sikare sefapaano sa gagwe, a ntshale morago
Compare
Explore MATHEO 16:24
2
MATHEO 16:18
E bile ke go raya ke re: O Petoro , mme ke tla aga phuthego ya me mo lefikeng le; mme dikgoro tsa felo ga baswi ga di kitla di e fenya.
Explore MATHEO 16:18
3
MATHEO 16:19
Ke tla be ke go neele dilotlele tsa puso ya magodimo; sengwe le sengwe se o tla se bofang mo lefatsheng, se tla bo se bofilwe kwa magodimong; mme se o tla se bofololang mo lefatsheng, se tla bo se bofolotswe kwa magodimong.”
Explore MATHEO 16:19
4
MATHEO 16:25
gonne yo o ratang go boloka bophelo jwa gagwe o tla latlhegelwa ke jona; mme yo o latlhegelwang ke bophelo jwa gagwe ka ntlha ya me o tla bo bona.
Explore MATHEO 16:25
5
MATHEO 16:26
Gonne motho go ka mo thusang, le fa a ka bapala lefatshe lotlhe, mme a senyegelwa ke bophelo jwa gagwe jwa nnete? Gongwe motho o ka ntsha eng go nna segololo sa bophelo jwa gagwe?
Explore MATHEO 16:26
6
MATHEO 16:15-16
A ba a ba botsa a re: “Mme lona lo a re, nna ke mang?” Simone Petoro a araba a re: “O Keresete Morwa Modimo o o phelang.”
Explore MATHEO 16:15-16
7
MATHEO 16:17
Mme Jesu a mo raya a re: “O sego, Simone, morwa Jona; ka gonne ga se nama le madi tse di go senoletseng moo, mme ke Rre yo o kwa magodimong.
Explore MATHEO 16:17
Home
Bible
Plans
Videos