1
LUKA 21:36
Setswana 1970
Disang he, lo rapele ka nako nngwe le nngwe gore lo tle lo kgone go falola mo go tsotlhe tseo tse di tla dirafalang le go ema fa pele ga Morwa-Motho.”
Qhathanisa
Hlola LUKA 21:36
2
LUKA 21:34
“Lo itise, e se re gongwe dipelo tsa lona tsa imafadiwa ke bojabobe le botagwa le ditshwenyegelo tsa botshelo, mme letsatsi leo la lo wela ka tshoganyetso jaaka seru
Hlola LUKA 21:34
3
LUKA 21:19
Lo tla bona maphelo a lona ka tshwarelelo ya lona.
Hlola LUKA 21:19
4
LUKA 21:15
gonne nna ke tla lo naya molomo le botlhale o baganetsi botlhe ba lona ba se kitlang ba kgona go emelana najo, le fa e le go bo ganetsa.
Hlola LUKA 21:15
5
LUKA 21:33
Legodimo le tla feta le lefatshe, mme mafoko a me ga a nke a feta ka gope.
Hlola LUKA 21:33
6
LUKA 21:25-27
“Foo go tla nna ditshupo mo letsatsing le mo ngweding le mo dinaleding; le mo lefatsheng go tla nna tlalelo ya merafe e le mo tharaanong, go le mesumo ya lewatle le makhubu a lone. Batho ba tla idibadiwa ke poifo le tebelelo ya dilo tse di tlang mo lefatsheng; gonne dithata tsa magodimo di tla reketlisiwa. Foo ba tla bona Morwa-Motho a tla ka leru ka thata le kgalalelo e kgolo.
Hlola LUKA 21:25-27
7
LUKA 21:17
Lo tla nna ba ba ilegang mo go botlhe ka ntlha ya leina la me.
Hlola LUKA 21:17
8
LUKA 21:11
Go tla nna dithoromo tse dikgolo tsa lefatshe, le malwetse a leroborobo, le ditlala kwa le kwa. Go tla nna dipoitshego le ditshupo tse dikgolo di tswa mo legodimong.
Hlola LUKA 21:11
9
LUKA 21:9-10
Mme mogang lo utlwelang dintwa le dikhuduego, lo se ka lwa rerega; gonne tseo di tshwanetse go dirafala pele. Mme bokhutlo ga bo nke bo tla ka pele.” Gape a ba raya a re: “Morafe o tla tsogela morafe, le bogosi bo tla tsogela bogosi.
Hlola LUKA 21:9-10
10
LUKA 21:25-26
“Foo go tla nna ditshupo mo letsatsing le mo ngweding le mo dinaleding; le mo lefatsheng go tla nna tlalelo ya merafe e le mo tharaanong, go le mesumo ya lewatle le makhubu a lone. Batho ba tla idibadiwa ke poifo le tebelelo ya dilo tse di tlang mo lefatsheng; gonne dithata tsa magodimo di tla reketlisiwa.
Hlola LUKA 21:25-26
11
LUKA 21:10
Gape a ba raya a re: “Morafe o tla tsogela morafe, le bogosi bo tla tsogela bogosi.
Hlola LUKA 21:10
12
LUKA 21:8
Mme a re: “Lo itise gore lo se timediwe! Gonne ba bantsi ba tla tla ka leina la me, ba ipitsa ba re: ‘Ke nna Keresete’; gape ba re: ‘Nako e atametse.’ Lo se ka lwa ba sala morago.
Hlola LUKA 21:8
Ikhaya
IBhayibheli
Amapulani
Amavidiyo