GENESI 39:7-9
GENESI 39:7-9 TSW70
Jaanong ya re morago ga dilo tseo, mosadi wa morena wa gagwe a eletsa Josefa ka matlho, a mo raya a re: “Robala le nna!” Mme a gana, a raya mosadi wa morena wa gagwe a re: “Bona, mongwake ga a tshwenyege ka sepe sa tse di mo ntlong, o ikantse nna; tsotlhe tse o nang natso o di neetse mo tisong ya me. Ga a ikae mogolo mo ntlong e bogolo go nna. Le gone ga a nkiletse sepe fa e se wena fela ka go re o mosadi wa gagwe. Kana nka dira jang bosula jo bogolo joo, ka leofela Modimo?”