Ga dirala ya re morago ga dilo tse, mogatsa mong wa gagwe a eletsa Josefe ka matlho; mme a re: “Robala le nna.” Mme a gana, a raya mogatsa mong wa gagwe a re: “Bona, monngwake ga a itse sepe se se mo go nna mo ntlong, o tsentse tsotlhe tse a nang natso mo seatleng sa me; mo ntlong e, ga go na ope yo o mogolo mo go nna, le gone ga a a baya sepe kwa ntle ga me, fa e se wena, ka gobo o le mosadi wa gagwe; kana foo bosula jo bogolo jo ke ka bo dira jang, ke leofela Modimo?”