Ke fa Farao a raya Josefa a re: “Rraago le bomorwa-rraago ba tsile kwa go wena. Lefatshe la Egepeto le go atlanegetse. Rraago le bomorwa-rraago o ba bee mo nageng e e gaisang. A ba nne mo nageng ya Gosene. Mme fa go na le ba ba tlhaga mo go bone, o ba dire baokamedi ba badisa ba ga etsho.”