1
GENESI 45:5
Setswana 1970
Mme jaanong lo se ka lwa hutsafala le e seng go inyatsa ka ntlha ya gore lo nthekisitse, ka tla kwano. Gonne Modimo o nthometse kwano gore ke lo etelele pele le go boloka maphelo a rona.
Uporedi
Istraži GENESI 45:5
2
GENESI 45:8
Ka moo ga se lona lo nthometseng kwano, ke Modimo. O ntirile mogakolodi wa ga Farao le morena wa lelapa lotlhe la gagwe le mmusi wa lefatshe lotlhe la Egepeto.
Istraži GENESI 45:8
3
GENESI 45:7
Modimo o nthometse kwano, ka lo etelela pele, e le go lo bolokela losika mo lefatsheng le go lo phedisa gore lo tle lo nne lesomo le legolo la baphologi.
Istraži GENESI 45:7
4
GENESI 45:4
Josefa a raya bomorwa-rraagwe a re: “A lo ko lo nkatamele.” Ba atamela. A ba a re: “Ke nna Josefa, morwa-rraeno yo lo ne lwa mo rekisa, a isiwa kwa Egepeto!
Istraži GENESI 45:4
5
GENESI 45:6
E setse e le ngwaga wa bobedi go le tlala mo lefatsheng, mme go sa ntse go tla tla dinyaga di le tlhano tse go se neng go lengwa mo go tsona le e seng go roba.
Istraži GENESI 45:6
6
GENESI 45:3
Josefa a raya bomorwa-rraagwe a re: “Ke nna Josefa! A rre o sa ntse a phela?” Mme bomorwa-rraagwe ba palelwa ke go mo araba, ka ba ne ba tshogile fa pele ga gagwe.
Istraži GENESI 45:3
Početna
Biblija
Planovi
Video zapisi