Le gona Jakobe a ipofa ka maikano a re: “Fa Modimo o ka nna le nna, wa mpoloka mo tseleng e ke tsamayang ka yona, wa mpha bogobe go ja le diaparo go apara; ka ba ka boela kwa lapeng la ga rre ka kagiso, foo MORENA o tla nna Modimo wa me. Foo lentswe le ke le tlhomileng go nna segopotso e tla nna Ntlo ya Modimo. Gape tsotlhe tse o tla di nnayang ke tla go ntshetsa kabelo ya lesome ya tsona.”