1
GENESI 24:12
Setswana 1970
A rapela a re: “MORENA, Modimo wa ga Aborahame, morena wa me, a ko o dirafatse kajeno se ke se tletseng fa, o direle Aborahame, mong wa me, ka bopelotlhomogi.
Salīdzināt
Izpēti GENESI 24:12
2
GENESI 24:14
Jaanong a mosetsana yo ke tla mo rayang ke re: ‘A ko o sikarolole nkgo ya gago gore ke nwe;’ mme a nkaraba a re: ‘Nwaa, le dikammele tsa gago ke tla di nosa,’ a e nne ene yo ò mo laoletseng Isaka motlhanka wa gago. Mme a ke itse ka moo, fa o diretse morena wa me ka bopelotlhomogi.”
Izpēti GENESI 24:14
3
GENESI 24:67
Isaka a isa Rebeka mo tenteng ya ga mmaagwe, e bong ya ga Sara, a mo tsaya, a nna mosadi wa gagwe, mme a mo rata. Isaka a gomotsega jalo morago ga loso lwa ga mmaagwe.
Izpēti GENESI 24:67
4
GENESI 24:60
Ba tshegofatsa Rebeka, ba mo raya ba re: “Kgaitsadia-rona, o nne mmadiketekete! A bana ba gago ba thope kgoro ya ba ba ba tlhoileng!”
Izpēti GENESI 24:60
5
GENESI 24:3-4
gore ke go ikanise ka MORENA Modimo wa legodimo le lefatshe, fa o se nke o batlela morwaake mosadi mo go bomorwadia Bakanana ba ke agileng mo gare ga bone; o ikane fa o tla ya kwa lefatsheng la ga etsho le kwa go ba ga etsho, go batlela morwaaka Isaka mosadi teng.”
Izpēti GENESI 24:3-4
Mājas
Bībele
Plāni
Video