Foo ka ba raya ka re: “Lo a bona bosula jo re mo go jone, jaaka Jerusalema o le kgakgabalo fela, le dikgoro tsa one di jelwe ke molelo. Tlang re ageng lorako lwa Jerusalema gore re tle re se ka ra tlhola re le kgobo.” Ka ba bolela ka ga letsogo la Modimo wa me le le neng le le molemo mo go nna; le ka ga mafoko a kgosi e a buileng le nna. Mme ba re: “A re nanogeng re ageng.” Jalo ba ithatafatsa mabogo go tsena mo tirong e e molemo eo.
Read NEHEMIA 2
Share
Compare All Versions: NEHEMIA 2:17-18
Save verses, read offline, watch teaching clips, and more!
YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy
Home
Bible
Plans
Videos