DITIRO 5:3-5
DITIRO 5:3-5 TSW70
Mme Petoro a re: “Anania, ke eng fa Satane a tladitse pelo ya gago go aketsa Mowa o o Boitshepo le go ngobetsa madi a mangwe a naga? E rile e sa ntse e le teng, a e ne e se ya gago? Mme ya re e sena go rekisiwa, a madi a ne a se mo thateng ya gago? O tsenyeditseng tiro e mo pelong ya gago? Ga o a aketsa batho, o akeditse Modimo.” Ya re Anania a utlwa mafoko a, a wela fa fatshe, a swa. Foo poifo e kgolo ya tlela batho botlhe ba ba utlwang.