1
BAFILIPI 1:6
BAEBELE e e Boitshepo
Ke ntse ke ikantse mo, gore yo o simolotseng tiro e e molemo mo go lona, o tlaa e sweletsa go ya kwa motlheng wa ga Jesu Keresete
Compare
Explore BAFILIPI 1:6
2
BAFILIPI 1:9-10
Ke lo rapelela mo, gore lorato lwa lona lo totafale bogolo bogolo mo kitsong le mo temogong; gore lo ke lo dumalane le dilo tse di molemo, gore lo ke lo nne peloephepa le botlhoka sekgopi, go ya go fitlha mo motlheng wa ga Keresete
Explore BAFILIPI 1:9-10
3
BAFILIPI 1:21
Gonne mo go nna, go tshela ke Keresete, mme go swa ke poelo.
Explore BAFILIPI 1:21
4
BAFILIPI 1:3
Ke leboga Modimo wa me ka metlha yotlhe e ke lo gopolang ka yone.
Explore BAFILIPI 1:3
5
BAFILIPI 1:27
Fela, a mokgwa wa lona wa botshelo e nne o o tshwanetseng Mafoko a a Molemo a ga Keresete, gore, e tle e re le fa ke ka tla go lo bona, kgotsa ke se yo, ke be ke utlwele go tshela ga lona, fa lo eme ka tlhomamo mo moweng o le mongwe fela, lo ntse lo ganelela tumelo ya Mafoko a a Molemo ka mowa o le mongwe fela
Explore BAFILIPI 1:27
6
BAFILIPI 1:20
Ka fa tebelelong ya me e e thata, le tsholofelo ya gore, ga nketla ke tlhabisiwa ditlhong ke sepe, fa e se gore, jaaka gale, le gompieno, Keresete o tlaa godisiwa mo mmeleng wa me, le fa e ka ne e le ka botshelo, le fa e ka ne e le ka loso.
Explore BAFILIPI 1:20
7
BAFILIPI 1:29
Gonne lona lo neilwe ka ga Keresete, e seng go dumela mo go ene go le gosi, mme le gone go utlwisiwa botlhoko ka ntlha ya gagwe
Explore BAFILIPI 1:29
Home
Bible
Plans
Videos