1
MAREKO 14:36
BAEBELE e e Boitshepo
A re: “Ntata, Rra, dilo tsotlhe di ka dirafala mo go wena; tlosa senwelo se mo go nna; le fa go ntse jalo e seng ka fa go rateng ga me, e leng ka fa go rateng ga gago.”
Compare
Explore MAREKO 14:36
2
MAREKO 14:38
Lebelelang lo rapele, gore lo se tsene mo thaelong; mowa one o tlhaga, mme nama e bokoa.”
Explore MAREKO 14:38
3
MAREKO 14:9
Ammaaruri ke a lo raya, gongwe le gongwe kwa Mafoko a a Molemo a tlaa rerwang teng mo lefatsheng lotlhe fela, le sone se mosadi yo o se dirileng, se tlaa bolelwa teng, gore e nne segopodiso ka ga gagwe.”
Explore MAREKO 14:9
4
MAREKO 14:34
A ba raya a re: “Mowa wa me o hutsafetse thata, e le mo go isang losong fela; lo nne fa, lo lebelele.”
Explore MAREKO 14:34
5
MAREKO 14:22
Ya re ba sa ja, a tsaya senkgwe, ya re a sena go se segofatsa, a se ngathoganya, a se ba naya a re: “Tsayang; se ke mmele wa me.”
Explore MAREKO 14:22
6
MAREKO 14:23-24
A ba a tsaya senwelo, mme ya re a sena go leboga, a se ba naya; mme ba nwa botlhe ga sone. A ba raya a re: “Se ke madi a me a kgolagano, a a tshololelwang batho ba le bantsi.
Explore MAREKO 14:23-24
7
MAREKO 14:27
Jesu a ba raya a re: “Lo tlaa kgotšwa lotlhe, gonne go kwadilwe ga twe: ‘Ke tlaa itaya modisa, mme dinku di tlaa falalediwa koo.’
Explore MAREKO 14:27
8
MAREKO 14:42
Nanogang, re tsamayeng; bonang, yo o nkokang o gaufi!”
Explore MAREKO 14:42
9
MAREKO 14:30
Jesu a mo raya a re: “Ammaaruri ke a go raya ka re, wena gompieno, e bong sigong jono, e tlaa re koko e tona e ise e be e lele gabedi, o tlaa bo o intatotse gararo.”
Explore MAREKO 14:30
Home
Bible
Plans
Videos