“Le gone gape, e re fa lo ikitsa go ja, lo se ka lwa itlhontsha difatlhogo jaaka baitimokanyi; ka gobo bone ba itlhontsha difatlhogo, gore ba bonwe ke batho jaaka ba ikiditse go ja. Ammaaruri ke a lo raya: Tuelo ya bone ba setse ba e amogetse. Mme wena, e re fa o ikitsa go ja, o itlotse tlhogo, o tlhape mo sefatlhogong; gore o se bonwe ke batho fa o ikiditse go ja, fa e se ke Rraago yo o mo sephiring; mme Rraago yo o bonang mo sephiring o tlaa go duela.