jaaka go kwadilwe mo lokwalong lwa mafoko a moperofeti Isaia, a re:
“Lentswe la yo o goang
kwa nageng a re:
Baakanyang mmila wa Morena,
siamisang ditsela tsa gagwe.
Megogoro yotlhe e tlaa katelwa,
le dithaba tsotlhe,
le marota a tlaa papanwa;
le tse di sokameng
di tlaa lolamisiwa,
le ditsela tse di magwata
di tlaa rethefadiwa;
le nama yotlhe
e tlaa bona poloka ya Modimo.”