Bona, o tlaa nna moimana, mme o tlaa bona ngwana wa mosimane, o tlaa mo raya leina o re, Jesu. O tlaa nna mogolo, mme o tlaa bidiwa Morwa Mogodimodimo; Morena Modimo o tlaa mo naya setulo sa bogosi sa ga Dafite rraagwe. O tlaa busa ntlo ya ga Jakobe ka bosakhutleng; bogosi jwa gagwe ga bo ketla bo nna le bokhutlo.”