1
MORERI 5:2
BAEBELE e e Boitshepo
O se ka wa phamoga ka molomo, mme a pelo ya gago e se nne bonako go bua sengwe fa pele ga Modimo; gonne Modimo o kwa legodimong, mme wena o mo lefatsheng; mme ke gone, a mafoko a gago a nne makhutshwane.
Compare
Explore MORERI 5:2
2
MORERI 5:19
Le motho mongwe le mongwe yo Modimo o mo neileng dikhumo le thuo, wa ba wa mo naya thata ya go di ja, le go itseela kabelo ya gagwe, le go itumela mo letsapeng la gagwe; moo, ke neo ya Modimo.
Explore MORERI 5:19
3
MORERI 5:10
Yo o ratang selefera ga a ketla a kgora selefera; le yo o ratang letlotlo ga a ketla a kgora loato; se le sone ke boithamako.
Explore MORERI 5:10
4
MORERI 5:1
O re o tsena mo ntlong ya Modimo o nannabetse lonao lwa gago; gonne go atamela go utlwa, go molemo bogolo go setlhabelo sa dieleele, gonne ga di itse fa di dira bosula.
Explore MORERI 5:1
5
MORERI 5:4
Fa o ikanela Modimo ka ikano, o se ka wa diega go e lefa; gonne ga o na kgatlhego mo dieleeleng; o lefe se o ikanneng ka ga sone.
Explore MORERI 5:4
6
MORERI 5:5
Go molemo, go re o se ikane, bogolo go go re o ikane mme o sa lefe.
Explore MORERI 5:5
7
MORERI 5:12
Boroko jwa motho yo o dirang bo monate, le fa a ja bonnye kgotsa bogolo, mme go kgora ga mohumi ga go mo leseletse go robala.
Explore MORERI 5:12
8
MORERI 5:15
Jaaka a dule mo sebopelong sa ga mmaagwe, o tlaa ba a tloga jaaka a tsile, a sa ikatega, mme a se ketla a tsaya sepe ka ga letsapa la gagwe, se o ka tsamayang ka sone a se tshotse mo seatleng.
Explore MORERI 5:15
Home
Bible
Plans
Videos