E rile a sena go tlhola nabo malatsi e ka ne e le a 8, kgotsa a le some, a fologela kwa Kaesarea; ya re ka moso a feta a dula mo tshekelong, a laola gore Paulo a ye go tlisiwa. Ya re a sena go tla, Bajuta, ba ba fologileng kwa Jerusalema, ba ema ba mo dikanyeditse, ba mmaya melato e le mentsi, le e e utlwisang botlhoko, e ba sa ka keng ba e tlhomamisa.