1
1 TIMOTHEO 6:12
BAEBELE e e Boitshepo
Tlhabana ntwa e e molemo ya tumelo, o tshware botshelo jo bo sa khutleng, jo o bo bileditsweng, wa ipolela ka boipolelo jo bo molemo mo ponong ya basupi ba le bantsi.
Compare
Explore 1 TIMOTHEO 6:12
2
1 TIMOTHEO 6:10
Gonne go rata madi ke modi wa masula mangwe le mangwe otlhe, ke mo e rileng bangwe ba go gwalalela, ba timelwa ke tumelo, mme ba iphololeditse ka mahutsana a le mantsi.
Explore 1 TIMOTHEO 6:10
3
1 TIMOTHEO 6:6
Poifomodimo e e nang le pelo e e ritibetseng ke papadi e kgolo
Explore 1 TIMOTHEO 6:6
4
1 TIMOTHEO 6:7
gonne ga re a ka ra tla le sepe mo lefatsheng, le gone ga re ka ke ra tswa le sepe
Explore 1 TIMOTHEO 6:7
5
1 TIMOTHEO 6:17
O laye ba ba humileng mo motlheng ono, gore ba se ka ba ipegela godimo, le fa e le go solofela mo bosenang tlhomamo jwa khumo, fa e se mo Modimong fela, o o re nayang dilo tsotlhe ka letlotlo, gore re di je monate.
Explore 1 TIMOTHEO 6:17
6
1 TIMOTHEO 6:9
Ba ba eletsang go huma ba tle ba wele mo thaelong, le mo serung le mo dithatong di le dintsi tsa bosilo, le tse di senyang, tse di nwetseng batho mo tshenyegong le mo tatlhegong.
Explore 1 TIMOTHEO 6:9
7
1 TIMOTHEO 6:18-19
O bo o ba laye gore ba dire molemo, ba hume ditiro tse di molemo, ba iketleeletse go aba, ba itumelele go abalana; ba ntse ba ipeelela motlha o o tlang motheo o o molemo, gore ba tle ba tshware botshelo jo e leng botshelo ruri.
Explore 1 TIMOTHEO 6:18-19
Home
Bible
Plans
Videos