1
SAGARIA 9:9
Setswana 1970
Itumele thata, morwadia Sione, o duduetse, morwadia Jerusalema; bona, kgosi ya gago e e tla kwa go wena, e siame, e tletse pholoso, e pelonolo, e palame esele, e leng eselana, ngwana wa esele.
Compare
Explore SAGARIA 9:9
2
SAGARIA 9:10
“Mme ke tla thubakanya dikoloi tsa ntwa mo go Eferaime le dipitse mo Jerusalema; bora jwa ntwa bo tla robakanngwa, mme ene o tla rerela ditšhaba kagiso. Puso ya gagwe e tla simologa fa lewatleng go ya go fitlha kwa lewatleng le lengwe; e simologa fa nokeng ya Ferathe go ya go fitlha kwa dikhutlong tsa lefatshe.
Explore SAGARIA 9:10
3
SAGARIA 9:16
Mme MORENA, Modimo wa bone o tla ba pholosa ka letsatsi leo, ka ba le morafe o e leng letsomane la gagwe; gonne ba phatsima jaaka ditaemane mo serwalong sa kgosi mo nageng ya gagwe.
Explore SAGARIA 9:16
Home
Bible
Plans
Videos