1
BAROMA 14:17-18
Setswana 1970
Gonne puso ya Modimo ga se go ja le go nwa, mme ke tshiamo le kagiso le boitumelo ka Mowa o o boitshepo. Gonne ene yo o direlang Keresete ka tseo ke yo o kgatlhang Modimo, e bile o ikanngwa ke batho.
Compare
Explore BAROMA 14:17-18
2
BAROMA 14:8
gonne fa re tshela, re tshelela Morena; fa re swa, re swela Morena; ka moo, le fa re tshela gongwe re swa, re ba Morena.
Explore BAROMA 14:8
3
BAROMA 14:19
Ka moo he, a re lateleng tsa kagisanyo le tsa ketleetsanyo tumelong!
Explore BAROMA 14:19
4
BAROMA 14:13
Jalo he, a re se tlholeng re baana melato, mme bogolo tlhokomelang gore go se nne ope yo o kgopisang mokaulengwe gongwe go mo leofisa.
Explore BAROMA 14:13
5
BAROMA 14:11-12
gonne go kwadilwe ga twe: “Ka bophelo jwa me! Mangole otlhe a tla nkhubamela, diteme tsotlhe di tla ipolela Modimo, go bua Morena.” Ke ka moo mongwe le mongwe wa rona o tla ikarabelang ka boene mo Modimong.
Explore BAROMA 14:11-12
6
BAROMA 14:1
Yo o bokoa mo tumelong lo mo tshole, lo se ganetsanye ka ntlha ya maikutlo.
Explore BAROMA 14:1
7
BAROMA 14:4
Kana wena o mang yo o ka atlholang motlhanka wa yo mongwe? Ene o emela gongwe o wela Morena wa gagwe; mme o tla emisiwa, gonne Morena o nonofile go ka mo emisa.
Explore BAROMA 14:4
YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy
Home
Bible
Plans
Videos